bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Corinthians 7
1 Corinthians 7
Tswana Setswana 1970
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 8 →
1
Jaanong fa e le tse lo di nkwaletseng, ka re: Go molemo mo monneng, fa a sa ame mosadi.
2
Mme ka go tshaba boaka a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe.
3
A monna a nee mosadi se e leng tshwanelo, le ene mosadi a dire jalo mo monneng.
4
Mosadi ga a laole mmele wa gagwe, o laolwa ke monna; jalo le monna ga a laole mmele wa gagwe, o laolwa ke mosadi.
5
Lo se ikgogonelane, fa e se ka tumelano ka sebakanyana, gore lo nne le nako ya go rapela; lo be lo kopane gape gore Satane a se lo raele, ka lo palelwa ke go itshwara.
6
Mme ke bua jalo ka tetlelelo, e seng ka taolo.
7
Gonne ke eletsa gore e kete batho botlhe ba ka bo ba ntse jaaka nna. Fela mongwe le mongwe o na le neo ya gagwe e e tswang mo Modimong, yo mongwe jaana, yo mongwe ka go sele.
8
Mme ba ba iseng ba nyale gongwe go nyalwa, le bone batlholagadi, ke ba raya ke re: Go molemo go bone, fa ba ka nna jaaka nna.
9
Le gale fa ba palelwa ke go itshwara, a ba nyale gongwe ba nyalwe; gonne go nyala gongwe go nyalwa go molemo bogolo go go gotela.
10
Mme ba ba nyalanyeng bone ba laelwa ke Morena, e seng nna, gore mosadi a se ka a tlhala monna,
11
– mme fa a mo tlhadile, a a nne fela a sa nyalwa gape; go seng jalo, a a ithuanye le monna wa gagwe – le ene monna a a se tlhale mosadi.
12
Ba bangwe nna ke a ba raya, e seng Morena, ka re: Fa modumedi mongwe a na le mosadi yo o sa dumeleng, mme mosadi a dumetse go nna nae, a monna a se mo tlhale.
13
Le mosadi yo o nang le monna yo o sa dumeleng, mme monna a dumetse go nna nae, a mosadi a se mo tlhale.
14
Gonne monna yo o sa dumeleng o itshepisitswe ka mosadi, le mosadi yo o sa dumeleng o itshepisitswe ka monna. Fa go ka bo go sa nna jalo, bana ba lona ba ka bo ba sa itsheka; mme jaanong ba itshepile.
15
Mme yo o sa dumeleng, fa a tlhala, a a tlhale. Fa go ntse jalo, modumedi wa monna gongwe wa mosadi ga a bofega; Modimo o re bileditse kagisong.
16
Gonne, wena mosadi, o itse jang gore o ka pholosa monna? Gongwe wena monna, o itse jang gore o ka pholosa mosadi?
17
Fela a mongwe le mongwe a tsamae ka fa Morena a mo abetseng ka teng, le ka fa Modimo o mmiditseng ka teng. Ke laya jalo mo diphuthegong tsotlhe.
18
Yo o biditsweng a rupile a a se eletse go sa rupeng; yo o biditsweng a sa rupa a a se rupe.
19
Thupiso ga se sepe, le go sa rupang ga se sepe; se segolo ke go tlhokomela ditaolo tsa Modimo.
20
A mongwe le mongwe a sale mo maemong a o biditsweng a le mo go ona.
21
Fa o biditswe o le motlhanka, se ngongorege; mme fa o ka gologa, o go dirise bogolo.
22
Gonne yo o biditsweng ke Morena e le motlhanka, ke mogololesegi wa Morena; le gona jalo ene yo o biditsweng a gololesegile, ke motlhanka wa ga Keresete.
23
Lo rekilwe ka tlhwatlhwa e kgolo; se nneng batlhanka ba batho.
24
Ba ga etsho, a mongwe le mongwe a sale fa pele ga Modimo mo maemong a o biditsweng a le mo go ona.
25
Ntlheng ya makgarebe gona ga ke na taolo ya Morena, mme ke bolela maikutlo a me, nna yo ke bonyeng kutlwelo-botlhoko ya Morena gore ke nne yo o ikanyegang.
26
Jaanong ke bona gore go molemo ka ntlha ya tlalelo ya sebaka seno, go molemo mo mothong go nna ka fa a ntseng ka teng.
27
Fa o kopantswe le mosadi, se batle tlhalo; fa o sa kopanngwa le mosadi, se batle mosadi.
28
Mme le fa o ka nyala, o tla bo o sa leofe. Le gale, ba ba ntseng jalo ba tla bona makete mo nameng; mme nna ke ne ke rata go lo rekegela.
29
Ba ga etsho, se ke se bolelang ke se: Nako e khutshwane; mme e bile ka re: Le bone ba ba nang le basadi, a ba nne jaaka e kete ga ba na nabo.
30
Le ba ba lelang, a ba nne jaaka e kete ga ba lele; le ba ba itumelang, a ba nne jaaka e kete ga ba itumele; le ba ba rekang, a ba nne jaaka e kete ga ba na sepe;
31
le ba ba dirisang tsa lefatshe leno, a ba nne jaaka e kete ga ba di dirise; gonne popego ya lefatshe leno e a feta.
32
Mme ke rata gore lo nne lo se na tshwenyego. Yo o sa nyalang o tlhokomela tsa Morena ka fa a ka kgatlhang Morena ka teng.
33
Yo o nyetseng ene o tlhokomela tsa lefatshe ka fa a ka kgatlhang mosadi ka teng.
34
Mosadi ga a tshwane le lekgarebe; yo o sa nyalwang o tlhokomela tsa Morena, gore a nne boitshepo ka fa mmeleng le ka fa moweng; mme yo o nyetsweng ene o tlhokomela tsa lefatshe ka fa a ka kgatlhang monna ka teng.
35
Ke bua jalo gore go nne molemo go lona ka losi, e seng gore ke lo tshware ka segole, mme e le gore lo nne mo Moreneng ka maitsholo a mantle le ka tlhomamo, go se na kgoreletsego.
36
Fa mongwe a gopola gore o direla ngwana wa gagwe wa lekgarebe ka go sa tshwanelang, fa le setse le lekanye go ka nyalwa, mme go tshwanetse ga nna jalo, a a dire se a se ratang, ga a leofe; a ba nyalane.
37
Mme ene yo o tlhomameng mo pelong ya gagwe, a sa patelediwe ke sepe, a na le thata go dirafatsa thato ya gagwe, e bile a ikaeletse mo pelong ya gagwe gore o tla thibelela ngwana wa gagwe wa lekgarebe go nyalwa, o tla bo a dira sentle.
38
Jalo he, yo o nyadisang ngwana wa gagwe wa lekgarebe o dira sentle; mme yo o sa mo nyadiseng, ene o tla bo a dira sentle bogolo.
39
Mosadi o golegilwe ka molao, fa monna wa gagwe a sa ntse a tshela; mme fa monna wa gagwe a sule, o tla bo a letleletswe go nyalwa ke yo mosadi a mo ratang, fela e nne mo Moreneng.
40
Mme ka fa maikutlong a me o sego bogolo, fa a ka nna fela jaaka a ntse, mme ke gopola gore le nna ke na le Mowa wa Modimo.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16