bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Corinthians 2
1 Corinthians 2
Tswana Setswana 1970
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 3 →
1
Bakaulengwe, le nna e rile ke tla koo go lona, ka feta ka lo bolelela tshupo ya Modimo, e seng ka mafoko a a gaisang le e seng ka botlhale jo bogolo.
2
Gonne ke ne ke sa ikaelela go lo itsise sepe fa e se Jesu Keresete fela, ene yo o bapotsweng.
3
Le gona ke ne ke le mo go lona ka bokoa le poifo le thoromo e kgolo.
4
Gape, thuto ya me le thero ya me ga di a ka tsa dirafala ka mafoko a a kgonang ka botlhale, mme e ne e le ka tshupo ya Mowa le ya thata,
5
gore tumelo ya lona e se ka ya ema ka botlhale jwa batho, mme e eme ka thata ya Modimo.
6
Le gale botlhale re a tle re bo bue mo go ba ba botlalo; mme ga se botlhale jwa lefatshe leno le e seng jwa balaodi ba lefatshe leno ba ba nyelelang.
7
Mme re bua botlhale jwa Modimo jo e leng bosaitsiweng, jo bo fitlhegileng, jo Modimo o sa leng o bo rulaganya pele, dipaka di ise di nne teng go re isa kgalalelong,
8
jo bo neng bo sa itsiwe ke ope wa balaodi ba lefatshe leno; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba sa bapola Morena wa kgalalelo.
9
Mme go ntse jaaka go kwadilwe ga twe: “Tse leitlho le sa di bonang, tse tsebe e sa di utlwang, tse di sa tsenang mo pelong ya motho, ke tsona tse Modimo o di baakanyeditseng bone ba ba o ratang.”
10
Mme Modimo o di re senoletse ka Mowa wa ona; gonne Mowa o tlhotlhomisa dilo tsotlhe, le tse di boteng tsa Modimo.
11
Kana ke mang mo bathong yo o itseng tse di mo mothong, fa e se mowa wa motho o o mo go ene? Le gona jalo ga go ope yo o itseng tse di mo Modimong fa e se Mowa wa Modimo.
12
Mme rona ga re a tshola mowa wa lefatshe, re na le Mowa o o tswang mo Modimong gore re tle re itse dilo tse re di abetsweng ke Modimo;
13
tse e bileng re di bolela, e seng ka mafoko a a rutwang ka botlhale jwa botho, mme e le ka a a rutwang ke Mowa o o Boitshepo ka go tlhalosetsa ba Mowa tsa Mowa.
14
Mme motho wa nama ga a tshole dilo tsa Mowa wa Modimo; gonne di bosilo mo go ene, ga a kgone go di tlhaloganya; gonne di ka atlholwa ka Mowa fela.
15
Wa mowa o atlhola tsotlhe, mme ene ka esi ga a atlholwe ke ope.
16
“Ke mang yo o itsileng boitlhômô jwa Morena go ka mo ruta?” Mme rona re na le boitlhômô jwa ga Keresete.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16