bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Exodus 11
Exodus 11
Tswana Setswana 1970
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 12 →
1
Jaanong Morena a raya Moše a re: “Ke tla tlisa petso e nngwe gape e ke tla watlhayang Farao le Baegepeto ka yona; morago ga moo o tla lo naya tsela gore lo tloge mono; e bile o tla lo leleka ka thata mogang a lo lesang go huduga gotlhe.
2
A ko o bolele mo ditsebeng tsa morafe gore monna mongwe le mongwe a lope dilo tsa selefera le tsa gouta mo go yo o bapileng nae; le mosadi mongwe le mongwe a di lope jalo mo mosading yo o bapileng nae.”
3
Mme Morena a naya morafe go bona bopelotlhomogi mo go Baegepeto. Le monna yoo, e bong Moše, a kaiwa mogolo thata ke batlhanka ba ga Farao le morafe otlhe.
4
Moše a raya Farao a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Gare ga bosigo ke tla photlaphotla lefatshe la Egepeto.
5
Mme go tla swa bana ba maitibolo botlhe mo lefatsheng la Egepeto, go simolola ka morwa Farao wa ntlha yo o tla nnang mo sedulong sa gagwe sa bogosi, go ya ngwaneng wa ntlha wa lelata le le fa morago ga lelwala le maitibolo otlhe a diruiwa.
6
Foo go tla nna selelo se segolo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto se se iseng se ke se nne teng ka gope se le kalo, le gona se se se kitlang se tlhola se nna teng ka motlha ope se le kalo.
7
Mme mo go Baiseraele botlhe ga go kitla go nna le ntšwa e e dumang, e bogola motho gongwe seruiwa gore lo itse, fa Morena a farologanya Baegepeto le Baiseraele.’
8
Foo batlhanka botlhe bao ba gago ba tla tla kwa go nna ka boikokobetso, ba nkhubamela ba re: ‘Huduga, wena le morafe otlhe o o go salang morago!’ Morago ga moo ke tla huduga.” Ke fa Moše a tswa, a tlogela Farao ka bogale jo bo tukang.
9
Mme Morena a raya Moše a re: “Farao ga a kitla a lo utlwa, mme e le gore dikgakgamatso tsa me di ntsifale mo lefatsheng la Egepeto.”
10
Moše le Arone ba ne ba dira dikgakgamatso tsotlhe tseo fa pele ga Farao, mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao mo a sa kgoneng go lesa Baiseraele go huduga mo lefatsheng la gagwe.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40