bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Exodus 17
Exodus 17
Tswana Setswana 1970
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 18 →
1
Jaanong morafe otlhe wa Baiseraele wa tloga kwa sekakeng sa Sine, wa tsamaya o thibelela ka fa taolong ya Morena go ya go fitlha kwa Rafidime. Ba feta ba tlhoka metsi a a nowang.
2
Mme morafe wa lwa le Moše wa re: “Re fe metsi re nwe.” Mme Moše a ba raya a re: “Lo lwelang le nna? Ke ka ntlha ya eng fa lo leka Morena?”
3
Batho ba nyorelwa metsi gona; batho ba ngongoregela Moše ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o re ntshitse kwa Egepeto gore o re bolae le bana ba rona le diruiwa tsa rona ka lenyora?”
4
Mme Moše a goela Moreneng a re: “Nka dira eng ka batho ba? Ba setse ba le gaufi le go nkgobotletsa ka majwe.”
5
Morena a raya Moše a re: “Fetela kwa pele ga morafe, o ye le bangwe ba bagolo ba Baiseraele, o tshotse thobane ya gago e o ne wa itaya noka ka yona, o sepele.
6
Bona, ke tla ema fa pele ga gago teng mo Horebe fa lefikeng. E tla re fa o itaya lefika, le tswe metsi gore morafe o nwe.” Moše a dira jalo fa pele ga bagolo ba Baiseraele.
7
Felo foo a go taya leina la Masa le Meriba; gonne Baiseraele ba ne ba lole, ba leka Morena ba re: “A Morena o teng mo gare ga rona gongwe nnyaya?”
8
E rile ba le kwa Rafidime, Baamaleke ba tla, ba tlhabana le Baiseraele.
9
Ke fa Moše a laela Jošua a re: “Re tlhaolele banna, o tsoge o bolole kamoso, o tlhabane le Baamaleke. Nna ke tla ema mo setlhoeng sa thabana ke tshotse thobane ya Modimo ka letsogo.”
10
Jošua a dira ka fa Moše a mo laetseng ka teng, a bolola go tlhabana le Baamaleke. Mme Moše le Arone le Hure ba tlhatlogela kwa setlhoeng sa thabana.
11
E ne ya re fa Moše a tsholetsa mabogo, Baiseraele ba fenye; mme fa a diga mabogo, go fenye Baamaleke.
12
Mme Moše a simolola go lapa mabogo, a nna bokete. Jaanong ba tsaya lentswe, ba le baya ka fa tlase ga gagwe, a nna mo go lone; Arone le Hure ba ntse ba tshegeditse mabogo a gagwe, mongwe ka fa le yo mongwe ka fa; ba tiisa mabogo a gagwe jalo, ga tsamaya letsatsi la phirima.
13
Jošua a fenya Amaleke le batho ba gagwe ka bogale jwa tšhaka.
14
Ke fa Morena a raya Moše a re: “Tseo di kwale mo lokwalong gore di se lebalwe, o di tsenye mo tsebeng tsa ga Jošua go re: Ruri, ke tla tlosa go gopola Amaleke gotlhe fa tlase ga letsatsi.”
15
Moše a aga aletare, a e taya leina le le reng: “Morena ke sefoka sa me.”
16
A ba a re: “A seatla se tshware sefoka sa Morena; Morena o tla lwa le Baamaleke go tswa losikeng go ya losikeng.”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40