bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Exodus 4
Exodus 4
Tswana Setswana 1970
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 5 →
1
Moše a fetola a re: “Fa ba sa ntumele, ba sa utlwe lentswe la me, ba re: ‘Morena ga a ka a iponatsa mo go wena, ke tla dirang’?”
2
Morena a mo raya a re: “Ke eng se o se tshotseng ka letsogo?” A re: “Ke thobane.”
3
Morena a re: “E latlhele fa fatshe!” A e latlhela fa fatshe, ya fetoga noga. Moše a ba a tshaba.
4
Morena a raya Moše a re: “Ntsha letsogo o e tshware ka mogatla.” A ntsha letsogo, a e tshwara, mme ya boa ya nna thobane gape mo letsogong la gagwe.
5
“O dire jalo gore ba tle ba dumele, fa Morena Modimo wa borraabo, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, o iponaditse mo go wena.”
6
Morena a ba a mo raya a re: “A ko o tsenye seatla mo sehubeng sa gago.” A tsenya seatla mo sehubeng sa gagwe. Ya re a se ntsha, a fitlhela seatla sa gagwe se tletse lepero se le sesweu jaaka semathana.
7
A laola a re: “Tsenya seatla gape mo kobong ya gago.” A se busetsa mo kobong ya gagwe. Ya re a se ntsha, a fitlhela se tshwana gape le nama ya gagwe.
8
“Mme fa ba sa go dumele, ba sa utlwe thuto ya sesupo sa ntlha, ba tla dumela thuto ya sesupo sa bobedi.
9
Mme fa ba sa dumele ditshupo tsoo pedi, ba sa utlwe lentswe la gago, o ge metsi mo nokeng ya Nile, o a tshololele fa go omileng. Foo metsi a o a gileng mo nokeng a tla fetoga madi teng foo.”
10
Mme Moše a raya Morena a re: “Ao! Morena, ga ke itse go bua sentle, fa e sa le ke tsalwa go fitlhelela kajeno, o ntse o bua le motlhanka wa gago. Gonne ke molomo o bonya, ke loleme lo bonya.”
11
Ke fa Morena a mmotsa a re: “Ke mang yo o fileng motho molomo, ke mang yo o dirang motho semumu gongwe sesusu gongwe mmoni gongwe sefofu? A ga se nna Morena?
12
Tsamaya he o ye, nna ke tla nna le molomo wa gago, ke go ruta tse o tla di buang.”
13
Mme Moše a re: “Ao! Morena, roma o sele yo o ka kgonang, e seng nna.”
14
Ke fa Morena a tukela Moše bogale a re: “A ga ke re, Arone mogoloo wa Molefi o teng? Ke itse gore ene o itse go bua sentle. E bile o e tla, o tsile go go kgatlhantsha, mme e tla re a go bona, a itumele ka pelo yotlhe.
15
Bua nae, o tsenye mafoko mo molomong wa gagwe, mme ke tla nna le molomo wa gago le molomo wa gagwe, ke lo ruta tse lo tla di dirang.
16
Ene o tla nna mmueledi wa gago mo bathong, ene e le molomo wa gago, mme wena o le modimo wa gagwe.
17
Mme thobane eo e o tla dirang ditshupo ka yona, o e tshole ka letsogo.”
18
Moše a tsamaya, a boela kwa go Jetoro mogwagwadiagwe, a mo raya a re: “A ko o ntetlelele gore ke boele kwa go ba ga etsho ba ba nnang kwa Egepeto, ke ye go bona gore a ba sa ntse ba phela.” Jetoro a raya Moše a re: “Yaa ka kagiso!”
19
Morena a raya Moše a sa le kwa Midiane a re: “Boela kwa Egepeto, gonne banna botlhe ba ba neng ba rata go go bolaya ba sule.”
20
Ke fa Moše a tsaya mosadi wa gagwe le bomorwawe, a ba palamisa diesele, a boela kwa lefatsheng la Egepeto. Moše a bo a tshotse thobane ya Modimo ka letsogo.
21
Morena a laela Moše jaana a re: “E re ka o le mo tseleng go boela kwa Egepeto, o tlhokomele gore o dire dikgakgamatso fa pele ga Farao tse ke di tsentseng mo diatleng tsa gago. Fela nna ke tla thatafatsa pelo ya gagwe, mo a se neng a leseletsa morafe go ka huduga.
22
“O be o ree Farao o re: ‘Morena o bua jaana a re: Iseraele ke ene morwaake wa ntlha.
23
Mme ke go laola ke re: Naya morwaake tsela gore a ye go ntirela, mme fa o ka gana go mo lesa a tsamae, ke tla bolaya morwao wa ntlha.’ ”
24
Jaanong ya re Moše a le mo tseleng fa go lalwang teng, Morena a mo tlhasela, a re o a mmolaya.
25
Ke fa Siphora a tsaya thipa ya letlapa, a rupisa morwawe, a se latlhela fa dinaong tsa ga Moše a re: “Kana o mogatsaake wa madi!”
26
Ya ba gona Morena a mo lesang. Foo mosadi a re: “Mogatsaake wa madi!” A raya thupiso.
27
Mme Morena o ne a laetse Arone a re: “Yaa o kgatlhantshe Moše kwa sekakeng.” A ya a kgatlhana nae kwa thabeng ya Modimo, a mo atla.
28
Ke fa Moše a begela Arone mafoko otlhe a Morena o mo romileng ka ona le ditshupo tsotlhe tse o di mo laoletseng.
29
Moše le Arone ba ya ba phutha bagolo botlhe ba Baiseraele.
30
Arone a bolela mafoko otlhe a Morena o neng a a buile le Moše, mme Moše a dira ditshupo tsele fa pele ga matlho a morafe.
31
Morafe wa dumela. Ya re ba sena go utlwa gore Morena o etse Baiseraele tlhoko, o bonye pogisego ya bone, ba inama, ba obamela Modimo.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40