bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Exodus 7
Exodus 7
Tswana Setswana 1970
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 8 →
1
Morena a raya Moše a re: “Bona, ke go dirile modimo wa ga Farao, mme Arone mogoloo o tla nna moporofeti wa gago.
2
Wena o mmolelele tsotlhe tse ke di go laelang, mme Arone mogoloo o tla di bua le Farao gore a lese Baiseraele ba huduge mo lefatsheng la gagwe.
3
Fela nna ke tla thatafatsa pelo ya ga Farao, ke ntsifatsa ditshupo tsa me le digakgamatso tsa me mo lefatsheng la Egepeto.
4
Farao ga a ka ke a lo utlwa, mme ke tla baya seatla sa me mo Egepeto, ke hudusa mephato ya me, e bong morafe wa me wa Baiseraele, mo lefatsheng la Egepeto ka dipetso tse dikgolo.
5
Motlhang ke otlololelang Baegepeto letsogo la me, ke ntsha Baiseraele mo gare ga bone, foo Baegepeto ba tla lemoga gore ke nna Morena.”
6
Moše le Arone ba dira ka fa Morena a ba laetseng ka teng. Ba dira fela jalo.
7
E rile ba bua le Farao, Moše a bo a le dinyaga di le 80, mme Arone a le dinyaga di le 83.
8
Jaanong Morena a bua le Moše le Arone a re:
9
“Fa Farao a bua le lona a re: ‘Itshupeng ka kgakgamatso,’ o ree Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o e latlhele fa pele ga Farao; e tla fetoga noga.’ ”
10
Ke fa Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba dira ka fa Morena a ba laetseng ka teng; Arone a latlhela thobane ya gagwe fa pele ga Farao le fa pele ga batlhanka ba gagwe, ya fetoga noga.
11
Jaanong Farao a bitsa batlhalefi le baitseanape, mme dingaka tsa Egepeto le tsona tsa dira jalo ka mereo ya tsona.
12
Mongwe le mongwe a latlhela thobane ya gagwe fa fatshe, tsa fetoga dinoga, mme thobane ya ga Arone ya metsa dithobane tsa bone.
13
Fela pelo ya ga Farao ya thatafala; a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boletse.
14
Ke fa Morena a raya Moše a re: “Pelo ya ga Farao ga e ineele; o gana go naya morafe tsela.
15
Yaa kwa go Farao ka masa – bona, o tla ya kwa nokeng – o eme fa losing lwa noka ya Nile go mo kgatlhantsha gona, o tsee thobane e e fetogileng noga ka letsogo,
16
o mo ree o re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o nthomile kwano go wena a re: Ke sa le ke go raya ke re: Lesa morafe wa me gore o ye go ntirela mo sekakeng! Mme bona, ga ò ise o utlwe go fitlhelela jaanong.
17
Morena o bua jaana a re: Se o tla lemogang ka sona gore ke nna Morena, ke se: Ke tla itaya metsi a noka ka thobane e ke e tshotseng, mme a tla fetoga madi.
18
Ditlhapi tse di mo nokeng di tla swa, noka e be e nkge sebodu; mme Baegepeto ba tla bifelwa ke go nwa metsi a noka.’ ”
19
Morena a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o otlolole letsogo godimo ga metsi a Baegepeto le godimo ga dinoka tsa bone le dinokana tsa bone le matsha a bone le megobe yotlhe, fa metsi a phuthegelang teng gore a fetoge madi.’ Madi a tla nna teng mo lefatsheng lotlhe la Egepeto le mo megopong ya logong le ya letsopa.”
20
Moše le Arone ba dira ka fa Morena a laotseng ka teng: A tsholetsa thobane, a itaya metsi a a mo nokeng ya Nile, Farao le batlhanka ba gagwe ba ntse ba lebile. Ke fa metsi aotlhe a a mo nokeng ya Nile a fetoga madi.
21
Ditlhapi tse di mo nokeng tsa swa, noka ya nkga mo Baegepeto ba bileng ba palelwa ke go nwa metsi a noka. Ga nna madi mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.
22
Dingaka tsa Egepeto le tsona tsa dira fela jalo ka mereo ya tsona. Mme pelo ya ga Farao ya nna ya thatafala, a se ka a ba utlwa, jaaka Morena a boletse.
23
Farao a retologa, a boela kwa lapeng la gagwe; selo se a se ka a se tsaya tsia.
24
Baegepeto botlhe ba epa metsi a a nowang mo ditlhakoreng tsa noka, ka ba ne ba palelwa ke go nwa metsi a noka.
25
Ga feta malatsi a supa, noka e ntse e le jalo, Morena a sena go itaya noka ya Nile.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40