bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Exodus 18
Exodus 18
Tswana Setswana 1970
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 19 →
1
Jetoro moperesiti wa kwa Midiane, mogwagwadia Moše, o ne a utlwetse dilo tsotlhe tse Modimo o di diretseng Moše le Baiseraele morafe wa ona le gore Morena o ntshitse Baiseraele mo Egepeto.
2
Jaanong Jetoro, mogwagwadia Moše, a tsaya Siphora, mosadi wa ga Moše, yo a neng a mmuseditse kwa ga gabo
3
le bomorwawe ba babedi; leina la mongwe e ne e le Geresome, gonne o ne a re: “Ke moeng mo lefatsheng le sele.”
4
Leina la yo mongwe e ne e le Eliesere; gonne o ne a re: “Modimo wa ga rre ke thuso ya me, o mpholositse mo tšhakeng ya ga Farao.”
5
Jaanong Jetoro, mogwagwadia Moše, a tla kwa go Moše a na le mosadi wa ga Moše le bomorwawe; a tla kwa sekakeng kwa Moše a neng a thibeletse teng kwa thabeng ya Modimo.
6
A itsise Moše a re: “Nna Jetoro mogwagwadiago ke tla koo go wena, ke na le mosadi wa gago le bomorwao ba babedi ba na nae.”
7
Ke fa Moše a tswa go kgatlhantsha mogwagwadiagwe, a inama fa pele ga gagwe, a mo atla; mme ya re ba sena go botsana bophelo, ba tsena mo tenteng.
8
Moše a bolelela mogwagwadiagwe tsotlhe tse Morena o di diretseng Farao le Baegepeto ka ntlha ya Baiseraele le tlalelo yotlhe e e ba wetseng mo tseleng le ka fa Morena a ba namoletseng ka teng.
9
Mme Jetoro a itumelela tse di molemo tsotlhe tse Morena o di diretseng Baiseraele, fa a ba golola mo diatleng tsa Baegepeto.
10
Jetoro a boka a re: “A go bakwe Morena yo o lo golotseng mo diatleng tsa Baegepeto le mo diatleng tsa ga Farao; yo o namoletseng morafe o mo kgatelelong ya Baegepeto!
11
Jaanong ke lemogile gore Morena o mogolo bogolo go medimo yotlhe; dilo tse Baegepeto ba di diretseng Baiseraele ka boikgantsho di digetse Baegepeto mo tatlhegong.”
12
Morago ga moo Jetoro, mogwagwadia Moše, a ntshetsa Modimo setlhabelo se se fisiwang le ditlhabelo tsa tebogo; ga tla Arone le bagolo botlhe ba Baiseraele go ja dijo le mogwagwadia Moše fa pele ga Modimo.
13
Ka letsatsi la ka moso Moše a nna mo lekgotleng go atlhola batho. Batho ba bo ba dikanyeditse Moše go tswa mosong go fitlha maitsiboeng.
14
E rile mogwagwadia Moše a bona tsotlhe tse a di direlang morafe, a botsa a re: “Ke go reng, fa o direla morafe ka mokgwa o? O nnelang o le nosi, mme morafe otlhe o tlhola o eme fa go wena go tswa mosong go ya mantsiboeng?”
15
Moše a araba mogwagwadiagwe a re: “Ke ka go re batho ba tla kwa go nna go botsa Modimo.
16
E a re fa ba na le kgang, ba tle kwa go nna gore ke seke kgang ya motho le mongwe-ka-ene, ke be ke ba itsise ditaelo tsa Modimo le melao ya ona.”
17
Mogwagwadia Moše a mo fetola a re: “Tse o di dirang ga di a siama.
18
O tla fela thata wena le batho bao ba o nang nabo; gonne tiro e e ntseng jalo e a go palela; ga o kgone go e dira o le wesi.
19
Jaanong utlwa mafoko a me, ke tla go gakolola, mme Modimo o tla nna nao. Wena o emele morafe fa pele ga Modimo, o ise mafoko a bone kwa Modimong;
20
o ba tlhalosetse ditaolo le melao, o ba itsise tsela e ba tshwanetseng go sepela mo go yona le tiro e ba tshwanetseng go e dira.
21
Mme o itlhophele banna ba ba nonofileng mo morafeng otlhe ba ba boifang Modimo, banna ba nnete, ba ba ilang kgwebo ya tshiamololo, o ba dire baokamedi ba morafe; bangwe e nne ba ba okamelang ba le sekete, ba bangwe ba okamele lekgolo, ba bangwe 50, ba bangwe lesome
22
gore bone ba seke batho ka metlha yotlhe. A ba tlise mafoko a magolo otlhe kwa go wena, mme a ba atlhole mafoko otlhe a mabotlana ka bosi. Fokotsa tiro ya gago jalo, mme a ba go rwadise.
23
Fa o ka dira jalo, e le ka fa thatong ya Modimo, o tla kgona go itshoka; le gona batho botlhe ba, ba tla boela kwa gae ka kagiso.”
24
Moše a utlwa mafoko a ga mogwagwadiagwe, a dira tsotlhe tse a di buileng.
25
Moše a tlhopha banna ba ba nonofileng mo Baiseraeleng botlhe, a ba dira ditlhogo tsa morafe, ya nna baokamedi ba dikete le baokamedi ba makgolo le baokamedi ba 50 le baokamedi ba masome.
26
Bone ba seka morafe ka metlha yotlhe. Mafoko a a thata ba a isa kwa go Moše, mme mafoko otlhe a mabotlana ba a atlhola ka bosi.
27
Jaanong Moše a naya mogwagwadiagwe tsela, mme a boela kwa lefatsheng la ga gabo.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40