bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
John 1
John 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 2 →
1
E rile mo tshimologong Lefoko la bo le ntse le le teng; Lefoko le ne le na le Modimo, mme Lefoko e ne e le Modimo.
2
Le ne le na le Modimo mo tshimologong.
3
Dilo tsotlhe di dirilwe ka lone, mme kwa ntle ga lone ga go a dirwa sepe sa tse di dirilweng.
4
Bophelo bo ne bo le mo go lone; mme bophelo e ne e le lesedi la batho.
5
Lesedi le ntse le phatsima mo lefifing mme lefifi ga le a ka la le amogela.
6
Go ne ga tla motho, a romilwe ke Modimo, leina la gagwe e le Johane.
7
Yoo o ne a tla go supa gore a supe ka ga lesedi, gore botlhe ba tle ba dumele ka ene.
8
E ne e se ene lesedi, mme a tla go supa ka ga lesedi.
9
Lesedi la boammaaruri le le bonegelang motho mongwe le mongwe e ne e le ene yo o tlang mo lefatsheng.
10
O ne a le mo lefatsheng, mme lefatshe le dirilwe ka ene; fela lefatshe ga le a ka la mo itse.
11
O ne a tla kwa ga gagwe, mme ba gagwe ba se ka ba mo tshola.
12
Le gale, botlhe ba ba neng ba mo tshola, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong ba ba dumelang mo leineng la gagwe;
13
ke ba ba sa tsalwang ka madi, le e seng ka thato ya nama, le e seng ka thato ya monna, mme ba tsetswe ke Modimo.
14
Lefoko leo la nna nama, la aga mo go rona, ra ba ra bona kgalalelo ya lone, e le kgalalelo e e lebanyeng yo o tsetsweng a le esi, e tswa mo go Rara, a tletse bopelotlhomogi le boammaaruri.
15
Johane o ne a supa ka ga gagwe, a kua a re: “Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Yo o tlang morago ga me o a mpheta; gonne o ne a le teng, ke ise ke nne teng.’ ”
16
Gonne rona rotlhe re bonye bopelotlhomogi godimo ga bopelothomogi mo botlalong jwa gagwe.
17
Kana molao o neilwe ka Moše, mme bopelotlhomogi le boammaaruri di tsile ka Jesu Keresete.
18
Ga go ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope; Morwa yo o tsetsweng a le esi, yo o fa sehubeng sa ga Rara, ke ene yo o o boletseng.
19
Tshupo ya ga Johane ke e: E rile Bajuta ba roma baperesiti le Balefi go ene, ba tswa Jerusalema go mmotsa gore: “O mang?”
20
A ipolela, a se ka a itatola, a ipolela a re: “Ga ke Keresete.”
21
Ba mmotsa ba re: “Mme o eng? A o Elia?” A re: “Ga ke ene.” “A ke wena moporofeti yole?” A araba a re: “Nnyaya.”
22
Ke fa ba mo raya ba re: “O mang ne? Gore re tle re ba fe karabo ba ba re romileng. O a reng ka ga gago?”
23
A re: “ ‘Ke nna lentswe la mongwe yo o kuang mo sekakeng la re: Siamisang tsela ya Morena!’ ” jaaka Jesaya moporofeti a kile a bua.
24
Ba ba neng ba romilwe e ne e le ba Bafarisai.
25
Jaanong ba mmotsa ba re: “O kolobeletsang, fa o se Keresete, le e seng Elia le e seng moporofeti yole?”
26
Johane a ba araba a re: “Nna ke kolobetsa ka metsi; mme go eme mongwe mo gare ga lona yo lo sa mo lemogeng.
27
Ke ene yo o tlang morago ga me, yo ke sa tshwanelang go funolola kgole ya setlhako sa gagwe.”
28
Dilo tseo di dirafetse kwa Bethania kwa moseja ga Joretane, kwa Johane o neng a le teng, a kolobetsa.
29
E rile ka letsatsi le le latelang a bona Jesu a tla go ene a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!
30
Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Monna o e tla morago ga me, yo o mphetang; gonne o ne a le teng, ke ise ke nne teng.’
31
Le nna ke ne ke sa mo lemoge, mme ke tlile go kolobetsa ka metsi gore ene a tle a senolelwe Iseraele.”
32
Johane a ba a supa a re: “Ke bonye Mowa o fologa jaaka lephoi, o tswa legodimong, wa nna mo go ene.
33
Le nna ke ne ke sa mo lemoge; mme ene yo o nthomileng go kolobetsa ka metsi a nthaya a re: ‘Ene yo ò tla bonang Mowa o fologela go ene, o nna mo go ene, ke ene yo o kolobetsang ka Mowa o o Boitshepo.’
34
Ke bonye, ka ba ka supa gore yo ke Morwa Modimo.”
35
Ya re ka moso Johane a bo a eme gape, a na le barutwa ba gagwe ba le babedi;
36
a leba Jesu a ntse a tsamaya, a ba a re: “Bonang, Kwana ya Modimo!”
37
Barutwa ba babedi bao ba mo utlwa a bua, ba be ba sala Jesu morago.
38
Jesu a retologa, a ba bona ba mo setse morago, a ba raya a re: “Lo batlang?” Ba mo raya ba re: “Rabbi,” (mo phetolelong ke go re: Moruti) “o nna kae?”
39
A ba raya a re: “Tlaang lo bone.” Ba tla, ba bona fa a nnang teng, ba be ba tlhola nae letsatsi leo. Nako e ne e ka nna ya bone thapama.
40
Andrea, morwa-rraagwe Simone Petoro, e ne e le mongwe wa ba babedi ba ba neng ba utlwile Johane, ba mo sala morago.
41
Yo a bona Simone morwa-rraagwe pele, a mo raya a re: “Re bonye Mesia,” mo phetolelong ke go re: Motlodiwa (Keresete).
42
A ba a mo isa go Jesu. Jesu a mo leba a re: “O Simone, morwa Jona; o tla bidiwa Kefa,” mo phetolelong ke go re: Lefika (Petoro).
43
Ya re ka moso Jesu a rata go ya kwa Galelea, a bona Filipo, a mo raya a re: “Ntshale morago!”
44
Filipo e ne e le wa kwa Betsaita, motse wa ga gabo Andrea le Petoro.
45
Filipo a bona Nathanaele, a mo raya a re: “Re bonye yo Moše a kwadileng ka ga gagwe mo molaong, le bone baporofeti, e bong Jesu, morwa Josefa wa Nasaretha.”
46
Nathanaele a mo raya a re: “A sengwe se se molemo se ka tswa kwa Nasaretha?” Filipo a mo raya a re: “Tlaa o bone!”
47
Jesu a bona Nathanaele a tla go ene, a bua ka ga gagwe a re: “Bonang, Moiseraele wa nnete yo go se nang boferefere mo go ene!”
48
Nathanaele a mo raya a re: “O nkitse jang?” Jesu a mo araba a re: “Ke go bonye o le fa tlase ga setlhare sa mofeie, Filipo a ise a go bitse.”
49
Nathanaele a mo fetola a re: “Moruti, ke wena Morwa Modimo, ke wena kgosi ya Iseraele.”
50
Jesu a mo fetola a re: “A o dumela ka gonne ke go reile ka re: ‘Ke go bonye fa tlase ga mofeie’? O tla bona dilo tse dikgolo bogolo go tse.”
51
A ba a mo raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Go tloga jaanong lo tla bona legodimo le bulegile, le baengele ba Modimo ba tlhatloga, ba be ba fologela mo go Morwa-Motho.”
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
Recommended Reading
Commentary
John Commentaries
→
Devotional
John Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana Setswana Study Bible
→