bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
John 13
John 13
Tswana Setswana 1970
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 14 →
1
E rile Jesu a itse pele ga moletlo wa Tlolaganyo gore nako ya gagwe e tsile ya go tloga mo lefatsheng leno le go ya kwa go Rara, a rata ba gagwe ba ba mo lefatsheng ka botlalo, ba a ne a ntse a ba rata.
2
Ya re go nna selalelo, Diabolo a bo a setse a tsentse mo pelong ya ga Jutase Isekariote, morwa Simone, gore a mo tshwarise;
3
Jesu ene o ne a itse gore Rara o mo neetse dilo tsotlhe diatleng le gore o dule Modimong, e bile o ya kwa Modimong:
4
Ke fa a nanoga mo selalelong, a apola kobo, a tsaya sephimolo, a ikgatlha ka sona.
5
Morago ga moo a tshela metsi mo mogopong, a simolola go tlhapisa barutwa dinao le go di phimola ka lesela le a ikgatlhileng ka lone.
6
Jaanong ya re a tla kwa go Simone Petoro, ene a mo raya a re: “Morena, a ke wena o ka ntlhapisang dinao?”
7
Jesu a mo araba a re: “Se ke se dirang wena ga o se tlhaloganye jaanong, mme o tla se lemoga morago.”
8
Petoro a mo raya a re: “Ga o ka ke wa ntlhapisa dinao ka gope.” Jesu a mo fetola a re: “Fa ke sa go tlhapise, ga o na kabelo le nna.”
9
Simone Petoro a mo raya a re: “Morena, a e se nne dinao tsa me fela, mme e nne le tsona diatla le tlhogo!”
10
Jesu a mo raya a re: “Yo o tlhapisitsweng mmele otlhe, ga go batlege gore a tlhapisiwe fa e se dinao fela, gonne o itshekile gotlhe; lona lo itshekile, fela e seng lotlhe.”
11
Ke go re, o ne a itse yo o tla mo tshwarisang; ke ka moo a rileng: “Ga lo a itsheka lotlhe.”
12
Jaanong e rile a sena go ba tlhapisa dinao le go apara kobo le go rapama fa dijong gape, a ba raya a re: “A lo lemogile se ke se lo diretseng?
13
Lo mpitsa Moruti le Morena, mme lo bua sentle; gonne ke se ke leng sona.
14
Jaanong he, fa nna yo ke leng Morena le Moruti ke lo tlhapisitse dinao, le lona lo tshwanetse lwa ne lo tlhapisanya dinao.
15
Kana ke ne ke lo beela sekao gore le lona lo dire jaaka ke lo diretse.
16
Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Motlhanka ga a mogolo go morena wa gagwe, le ene morongwi ga a mogolo go yo o mo romileng.
17
Fa lo itse dilo tse, lo sego fa lo di dira.
18
“Ga ke bue ka ga lona lotlhe; ke itse ba ke ba itlhaoletseng. Mme Lokwalo lo tshwanetse go dirafala lo lo reng: ‘Yo o jang senkgwe sa me o ntsholeleditse serethe.’
19
Ke lo bolelela jaanong pele go ise go dirafale gore mogang go dirafalang lo dumele gore ke nna ena.
20
Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o tsholang yo ke mo romang o tshola nna, mme yo o ntsholang o tshola ene yo o nthomileng.”
21
E rile Jesu a sena go bua dilo tse, a huduega mo moweng, a supa a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Mongwe wa lona o tla ntswa.”
22
Barutwa ba kôbana, ba akabala gore o raya mang.
23
Mongwe wa barutwa ba gagwe yo Jesu a mo ratang, o ne a rapame fa sehubeng sa ga Jesu.
24
Jaanong Simone Petoro a mo getla gore a botse gore o raya mang.
25
Yoo a ba a ikaega ka sehuba sa ga Jesu, a mmotsa a re: “Morena, ke mang?”
26
Jesu a araba a re: “Ke ene yo ke tla inang thathana, ke e mo naya.” Jaanong ya re a sena go ina thathana, a e naya Jutase Isekariote, morwa Simone.
27
Morago ga thathana gone Satane a tsena mo go ene. Jaanong Jesu a mo raya a re: “Se o se dirang o se dire ka pele.”
28
Mme ga se ka ga nna ope wa bone ba ba rapameng fa dijong yo o neng a tlhaloganya gore o buelang nae jalo.
29
Gonne e re ka Jutase a ne a tshola sekgwama, bangwe ba ne ba itlhoma gore Jesu o mo raya a re: “Reka tse re di batlelang moletlo;” gongwe a abele bahumanegi sengwe.
30
Jaanong ya re a sena go tsaya thathana, a tswa ka pele; mme go ne go le bosigo.
31
E rile a sena go tswa, Jesu a re: “Jaanong Morwa-Motho o galaleditswe, le Modimo o galaleditswe mo go ene.
32
Fa Modimo o galaleditswe mo go ene, le ene Modimo o tla mo galaletsa mo go ona, o tla akofa o mo galaletsa.
33
Banaka, ke sa na le lona sebakanyana. Lo tla mpatla, mme jaanong le lona ke lo raya jaaka ke reile Bajuta ka re: ‘Kwa ke yang teng, lona lo palelwa ke go fitlha teng.’
34
Ke lo naya taolo e ntšhwa ya gore lo ratane, ka e le fa ke lo ratile gore le lona lo ratane.
35
Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga ka gona moo gore lo barutwa ba me.”
36
Simone Petoro a mo raya a re: “Morena, o ya kae?” Jesu a mo araba a re: “Kwa ke yang teng, o palelwa ke go ntatela jaanong, mme o tla ntatela morago.”
37
Petoro a mo raya a re: “Morena, ke ka ntlha ya eng, fa nka palelwa ke go go latela jaanong? Le bophelo jwa me nka bo go ntshetsa.”
38
Jesu a araba a re: “A o ka nntshetsa bophelo jwa gago? Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Mokoko ga o nke o lela, o ise o intatole gararo.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
Recommended Reading
Commentary
John Commentaries
→
Devotional
John Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana Setswana Study Bible
→