bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
John 2
John 2
Tswana Setswana 1970
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 3 →
1
Ka letsatsi la boraro go ne go le lenyalo kwa Kana wa Galelea, mma Jesu a le teng.
2
Jesu le ene a lalelediwa lenyalo le barutwa ba gagwe.
3
Jaanong ya re weine e tlhaela, mma Jesu a mo raya a re: “Ga ba na weine.”
4
Jesu a mo raya a re: “Mosadi, ke tlhakanetseng nao? Nako ya me ga e ise e tle.”
5
Mmaagwe a raya badiredi a re: “Se a ka se lo rayang, lo se dire.”
6
Jaanong ga bo go le ditsaga tsa majwe di le thataro, tse di beilweng ka fa mokgweng wa Bajuta wa go tlhapa, nngwe le nngwe e ka tshola dikgamelo di le tlhano gongwe di supa.
7
Jesu a ba raya a re: “Tlatsang ditsaga tseo metsi!” Ba di tshela, tsa ba tsa tlala.
8
Jaanong a ba raya a re: “Gayang jaanong, lo ise kwa go morulaganyi wa modiro.” Ba a isa.
9
Ya re morulaganyi wa modiro a utlwa metsi a a fetogileng weine, a sa itse kwa e tswang teng, go itse badiredi fela ba ba gileng metsi, a bitsa monyadi,
10
a mo raya a re: “Motho mongwe le mongwe o a tle a ntshe weine e e monate pele, mme fa ba sena go kgora, go ntshiwe e e seng monate. Wena o bolokile weine e e monate go fitlha jaanong.”
11
Sesupo seo sa ntlha Jesu o se dirile kwa Kana wa Galelea, a bonatsa kgalalelo ya gagwe, mme barutwa ba gagwe ba dumela mo go ene.
12
Morago ga moo a ya kwa Kaperenaume, ene le mmaagwe le bomonnawe le barutwa ba gagwe, ba tlhola teng malatsi a se kae.
13
Jaanong Tlolaganyo ya Bajuta ya bo e le gaufi, mme Jesu a ya kwa Jerusalema.
14
A fitlhela ba ba rekisang dikgomo le dinku le maeba le baananyi ba madi ba ntse mo Tempeleng.
15
Ya re a sena go dira seitei ka megala, a ba kobela kwa ntle ga Tempele botlhe, le tsona dinku le dikgomo; madi a baananyi a a tshololela fa fatshe, le dipati a di menola.
16
A raya bone ba ba bapatsang maeba a re: “Tlosang dilo tse fa! Se direng Ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo.”
17
Foo barutwa ba gagwe ba gakologelwa gore go kwadilwe ga twe: “Go tlhoafalela Ntlo ya gago go tla nja.”
18
Ke fa Bajuta ba mmotsa ba re: “O ka re bontsha sesupo sefe gore ò ka dira dilo tseo?”
19
Jesu a ba araba a re: “Digang Tempele e, nna ke tla e tsosa ka malatsi a le mararo.”
20
Foo Bajuta ba re: “Tempele e, e agilwe dinyaga di le 46, mme ke eng fa wena o re, o tla e tsosa ka malatsi a le mararo?”
21
Mme ene o ne a bua ka ga Tempele ya mmele wa gagwe.
22
Jaanong e rile a sena go tsosiwa mo baswing, barutwa ba gagwe ba gakologelwa gore o kile a bua jalo, ba be ba dumela Lokwalo le lefoko le Jesu a le buileng.
23
E rile a le mo Jerusalema ka moletlo wa Tlolaganyo, batho ba bantsi ba dumela mo leineng la gagwe, ka ba bona ditshupo tsa gagwe tse a ntseng a di dira.
24
Mme Jesu ka esi a se ka a ba ikanya, mo a ka ba ipolelelang, ka a ba itse botlhe,
25
a sa tlhoke go bolelelwa sepe ka ga motho; gonne ene ka esi o ne a itse se se mo mothong.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21