bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
John 4
John 4
Tswana Setswana 1970
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 5 →
1
E rile Morena a lemoga gore Bafarisai ba utlwile go twe, Jesu o dira barutwa ba le bantsi, e bile o kolobetsa bogolo go Johane,
2
– le fa Jesu ka esi a ne a sa kolobetse, mme e le barutwa ba gagwe –
3
a tloga mo Jutea, a ba a boela kwa Galelea.
4
Mme o ne a tshwanetse go ralala Samaria.
5
Jaanong a fitlha kwa motseng mongwe wa Samaria o o bidiwang Sigare, gaufi le tshimo e Jakobe a neng a e file Josefa morwawe.
6
Foo ga bo go le sediba sa ga Jakobe. Jaanong ya re ka Jesu a lapisitswe ke leeto, a nna fa sedibeng, e ne e ka nna ka nako ya motshegare.
7
Ga tla mosadi wa Samaria go ga metsi. Jesu a mo raya a re: “Mphe ke nwe!”
8
Gonne barutwa ba gagwe ba ne ba ile kwa motseng go reka dijo.
9
Jaanong mosadi wa Mosamaria a mo raya a re: “Wena yo o leng Mojuta o ka kopa jang metsi mo go nna ke le mosadi wa Mosamaria?” A re jalo ka gonne Bajuta ba ne ba sa tsalane le Basamaria.
10
Jesu a mo araba a re: “Fa ò ka bo o itse neo ya Modimo le gore ke mang yo o go rayang a re: Mphe ke nwe! ke wena o ka bong o mo kopile, mme a ka bo a go naya metsi a a phelang.”
11
Mosadi a mo raya a re: “Morena, ga o na segelelo, mme sediba se boteng; metsi a a phelang o ka a tsaya kae?
12
A o mogolo go rraetsho Jakobe yo o re neileng sediba se, yo o neng a nwa mo go sona ka esi le bomorwawe le diruiwa tsa gagwe?”
13
Jesu a mo fetola a re: “Mongwe le mongwe yo o nwang metse a, o tla nyorwa gape;
14
mme yo o ka nwang metsi a nna ke tla a mo nayang, ga a ka ke a tlhola a nyorwa ka bosenabokhutlo; mme metsi a ke tla a mo nayang a tla nna motswedi mo go ene o o elelang go isa bophelong jo bo sa khutleng.”
15
Mosadi a mo raya a re: “Morena, a o ko o mphe metsi ao, gore ke se tlhole ke nyorwa, le e seng go tla kwano go ga.”
16
Jesu a mo raya a re: “Yaa o bitse monna wa gago, lo tle kwano!”
17
Mosadi a fetola a re: “Ga ke na monna.” Jesu a mo raya a re: “O buile sentle, fa o re, ga o na monna;
18
gonne ke banna ba batlhano ba ba neng ba go nyala, mme yo ò nang nae kajeno ga se monna wa gago; moo o buile nnete.”
19
Mosadi a mo raya a re: “Morena, ke lemoga gore o moporofeti.
20
Borraetsho ba ne ba obamela mo thabeng e, mme lona lo a re: Jerusalema ke felogosi fa go tshwanetseng ga obamelwa teng.”
21
Jesu a mo raya a re: “Mosadi, o ntumele, nako e e tla e lo se kitlang lo obamela Rara ka yona mo thabeng e, le fa e le kwa Jerusalema.
22
Lona lo obamela se lo sa se itseng; rona re obamela se re se itseng; gonne pholoso e tswa mo Bajuteng.
23
Mme nako e e tla, le jaanong e setse e tsile, e baobamedi ba nnete ba tla obamelang Rara ka yona ka Mowa le ka boammaaruri; gonne Rara o batla baobamedi ba ba ntseng jalo.
24
Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba tshwanetse go o obamela ka Mowa le ka boammaaruri.”
25
Mosadi a mo raya a re: “Ke itse gore Mesia yo o bidiwang Keresete o e tla; e tla re a sena go tla, a re bolelele dilo tsotlhe.”
26
Jesu a mo raya a re: “Ke nna yo ke buang nao.”
27
Ke fa barutwa ba gagwe ba tla; mme ba gakgamala, ka a bua le mosadi. Le fa go ntse jalo ga se ka ga nna ope yo o reng: “Ò batlang?” gongwe go Jesu: “O buelang nae?”
28
Jaanong mosadi a tlogela nkgwana ya gagwe, a ya kwa motseng, a raya batho a re:
29
“Tlaang lo bone motho yo o mpoleletseng tsotlhe tse ke di dirileng; a jaana ga se ene Keresete?”
30
Ba tswa mo motseng, ba tla go ene.
31
Barutwa ba sala ba mo rapela ba re: “Moruti, a o ko o je!”
32
Ene a ba raya a re: “Ke na le sejo se ke se jang, se lo sa se itseng.”
33
Jaanong barutwa ba botsanya ba re: “A mongwe o mo tsiseditse dijo?”
34
Jesu a ba raya a re: “Sejo sa me ke go dira thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.
35
A ga lo re: ‘Go setse dikgwedi tse nne go ya thobong’? Bonang, ke lo raya ke re: Tsholetsang matlho, lo lebe masimo; gonne a setse a sweufaletse thobo.
36
Yo o robang o amogela tuelo, mme leungo o le phuthela bophelo jo bo sa khutleng, gore yo o jwalang a itumele mmogo le yo o robang.
37
Gonne fano lefoko le le reng: ‘Mongwe o a jwala, yo mongwe o a roba,’ ke la nnete.
38
Ke lo romile go roba fa lo ne lo sa dira teng; go dirile ba bangwe, mme lona lo tsenye mo tirong tsa bone.”
39
Basamaria ba bantsi ba motse oo ba dumela mo go ene ka ntlha ya lefoko la mosadi yo o supileng a re: “O mpoleletse tsotlhe tse ke di dirileng.”
40
E rile jaanong Basamaria ba tla go ene, ba mo rapela gore a tlhole nabo. A tlhola teng malatsi a le mabedi.
41
Ga ba ga dumela ba bantsi go feta ba pele ka ntlha ya lefoko la gagwe.
42
Ba raya mosadi ba re: “Jaanong ga re tlhole re dumela ka ntlha ya polelo ya gago; gonne rona ka rosi re mo ikutlwetse, mme re itse gore ke ene Keresete tota, Mopholosi wa lefatshe.”
43
Morago ga malatsi a mabedi a tswa teng, a ya kwa Galelea;
44
gonne Jesu ka esi o ne a supile gore moporofeti ga a na tlotlo epe mo lefatsheng la ga gabo.
45
E rile jaanong a fitlha kwa Galelea, Bagalelea ba mo tshola, ka ba bonye tsotlhe tse a di dirileng kwa Jerusalema mo moletlong; gonne le bone ba ne ba ile moletlong.
46
Jaanong Jesu a fitlha gape kwa Kana wa Galelea, kwa a kileng a fetola metsi weine teng. Ga bo go le tona ya kgosi, e morwaa-yona a neng a lwala kwa Kaperenaume.
47
E rile ene a utlwa gore Jesu o dule kwa Jutea, mme o tsile kwa Galelea, a ya go ene, a mo rapela gore a tle go fodisa morwawe; gonne o ne a le gaufi le go swa.
48
Jaanong Jesu a mo raya a re: “Fa lo sa bone ditshupo le dikgakgamatso, ga lo dumele ka gope.”
49
Tona ya mo raya ya re: “Morena, a o ko o tle, ngwanake a ise a swe.”
50
Jesu a mo raya a re: “Tsamaya, morwao o phedile.” Motho yoo a dumela lefoko le Jesu a le mo rayang, a ba a tsamaya.
51
Ya re a sa ntse a le mo tseleng, batlhanka ba gagwe ba mo kgatlhantsha, ba mmolelela gore morwawe o phedile.
52
Foo a ba botsa nako e o fodileng ka yona. Ke fa ba mo raya ba re: “E rile maabane ka nako ya motshegare go fisa ga mo tlogela.”
53
Jaanong rraagwe a lemoga gore ke yona nako e Jesu a mo reileng ka yona a re: “Morwao o phedile.” Mme a dumela le ba lapa la gagwe botlhe.
54
Sesupo seo ke sa bobedi se Jesu o se dirileng, a sena go tswa kwa Jutea, a ya kwa Galelea.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21