bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
John 7
John 7
Tswana Setswana 1970
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 8 →
1
Morago ga tseo Jesu a nna a tsamaya mo Galelea; gonne o ne a sa rate go tsamaya mo Jutea, ka Bajuta ba batla go mmolaya.
2
Jaanong moletlo wa Bajuta wa Metlaagana o ne o le gaufi.
3
Ke fa bomonnawe ba mo raya ba re: “Tloga mono, o ye kwa Jutea gore le barutwa ba gago ba bone ditiro tsa gago tse o di dirang.
4
Gonne ga go ope yo o dirang sengwe mo sephiring, fa ene ka esi a batla go nna mo ponatshegong. Fa o dira dilo tse, iponatse mo lefatsheng.”
5
Gonne le bone bomonnawe ba ne ba sa dumele mo go ene ka sebaka sele.
6
Jesu a ba raya a re: “Nako ya me ga e ise e tle, mme lona lo ka dira ka nako tsotlhe.
7
Lefatshe ga le ka ke la lo tlhoa, mme nna le ntlhoile; gonne nna ke ntse ke supa ka ga lone gore ditiro tsa lone di bosula.
8
A go ye lona kwa moletlong, nna ga ke ye kwa go ona jaanong; gonne nako ya me ga e ise e tlale.”
9
E rile a sena go bua dilo tseo nabo, a sala mo Galelea.
10
Ya re bomonnawe ba sena go ya, le ene a ya kwa moletlong, e se mo pepeneneng, mme e le mo sephiring.
11
Ke fa Bajuta ba mmatla mo moletlong ba re: “Yole o kae?”
12
Mme go ne go le phapaano e kgolo mo bathong ka ntlha ya gagwe; gonne bangwe ba ne ba re: “O molemo;” ba bangwe ba re: “Nnyaya, kana o timetsa batho.”
13
Le fa go ntse jalo ga bo go se ope yo o buang ka ga gagwe ka phuthologo ka ntlha ya go boifa Bajuta.
14
E rile e setse e le fa gare ga moletlo, Jesu a ya kwa Tempeleng, a ruta.
15
Ke fa Bajuta ba gakgamala ba re: “Monna yo, o itse Dikwalo jang, etswe a sa rutwa?”
16
Jesu a ba araba a re: “Thuto ya me ga se ya me, ke ya yo o nthomileng.
17
Fa motho a rata go dira thato ya Modimo, o tla itse ka ga thuto gore a e tswa go ona, kampo ke bua se se tswang mo go nna fela.
18
Yo o buang se se tswang mo go ene fela o ipatlela tlotlo; mme yo o batlang tlotlo ya yo o mo romileng, yoo ke ene wa nnete, ga go na tshiamololo epe mo go ene.
19
A Moše ga a a lo naya molao? Mme le fa go ntse jalo ga go ope wa lona yo o tshegetsang molao. Lo batlelang go mpolaya?”
20
Batho ba araba ba re: “O a tsenwa; ke mang yo o batlang go go bolaya?”
21
Jesu a ba araba a re: “Ke dirile tiro e le nngwe fela, mme lo gakgametse lotlhe.
22
Moše o lo neile bogwera; – e se gore bo tswa mo go Moše, bo tswa mo go borraeno – mme lo a tle lo rupise motho ka letsatsi la Sabata.
23
Fa motho a rupisiwa ka Sabata, gore molao wa ga Moše o se dirololwe, ke eng fa lo nkgalefetse, fa ke fodisitse motho yotlhe ka Sabata?
24
Se atlholeng ka fa lo bonang; atlholang ka katlholo e e siameng.”
25
Jaanong bangwe ba Jerusalema ba re: “Yoo a ga se ene yo ba batlang go mmolaya?
26
Kana o bua ka phuthologo, mme ga ba mo ree sepe. A jaana ruri balaodi ga ba a lemoga, fa e le ene Keresete?
27
Mme re itse kwa monna yo a tlhagang teng; mme motlhang Keresete a tlang, ga go ope yo o tla itseng kwa a tlhagang teng.”
28
Foo Jesu a tsholetsa lentswe mo Tempeleng, a ruta a re: “A lo a nkitse, a lo itse kwa ke tswang teng? Kana ga ke a itlisa, mme yo o nthomileng ke wa nnete, yo lo sa mo itseng.
29
Nna ke a mo itse; gonne ke fa go ene, e bile o nthomile.”
30
Jaanong ba batla go mo tshwara; mme ga se ka ga nna ope yo o mo ntshetsang letsogo, ka nako ya gagwe e ne e ise e tle.
31
Mme ba bantsi ba morafe ba dumela mo go ene, ba be ba re: “A fa Keresete a tla, o tla dira ditshupo tse dintsi bogolo go tse monna yo a di dirileng?”
32
Ya re Bafarisai ba utlwa gore batho ba seba jalo ka ga gagwe, bone baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba roma batlhanka go mo tshwara.
33
Jaanong Jesu a re: “Ke sa na le lona ka bokhutshwanyane fela, mme ke ya go ene yo o nthomileng.
34
Lo tla mpatla, mme ga lo kitla lo mpona; le gona kwa ke leng teng lona ga lo kgone go fitlha teng.”
35
Foo Bajuta ba raana ba re: “Yoo o tla ya kae, fa a re, ga re ka ke ra mmona? A o tla ya kwa go ba ba falaletseng kwa Bagerikeng, a ya go ruta Bagerika?
36
Lefoko la reng, le a le buileng a re: ‘Lo tla mpatla, mme lo se ke lo mpone, le gona fa ke leng teng, lona ga lo kgone go fitlha teng’?”
37
Ka letsatsi la bofelo, e le le legolo la moletlo, Jesu a bo a eme, a tsholetsa lentswe a re: “Fa mongwe a nyorilwe, a a tle go nna, a nwe!
38
Yo o dumelang mo go nna, ‘dinoka tsa metsi a a phelang di tla ela di tswa mo mmeleng wa gagwe,’ jaaka Dikwalo di buile.”
39
Mme o ne a bua jalo ka ga Mowa o ba ba dumelang mo go ene ba tla o amogelang; gonne Mowa o o Boitshepo o ne o ise o nne teng, ka Jesu a ne a ise a galalediwe.
40
Jaanong e rile bangwe mo bathong ba sena go utlwa mafoko ao, ba bua ba re: “Ammaaruri, ke ene moporofeti yole.”
41
Ba bangwe ba re: “Ke ene Keresete.” Ba bangwe ba re: “A Keresete a ka tswa kwa Galelea?
42
A Lokwalo ga lo a ka lwa re: Keresete o tla tswa mo losikeng lwa ga Dafita le mo motsaneng wa Betleheme, mo Dafita a neng a le teng?”
43
Ga ba ga nna kgaogano mo bathong ka ga gagwe.
44
Bangwe ba bone ba batla go mo tshwara, mme ga bo go se ope yo o mo ntshetsang letsogo.
45
Ke fa batlhanka ba boela kwa baperesiting ba bagolo le Bafarisaing; mme bone ba ba raya ba re: “Lo ne lo sa mo tsisetseng?”
46
Batlhanka ba araba ba re: “Ga go ise go ko go bue motho ope jaaka motho yole.”
47
Bafarisai ba ba fetola ba re: “A le lona lo timeditswe?
48
A mongwe wa balaodi gongwe wa Bafarisai o dumetse mo go ene?
49
Kana morafe o, o o sa itseng molao, o hutsitswe!”
50
Nikotemo, mongwe wa bone yo o kileng a tla go ene, a ba raya a re:
51
“A molao wa rona o ka atlhola motho, a ise a sekisiwe, go ise go itsiwe se a se dirileng?”
52
Ba mo araba ba re: “A le wena o wa kwa Galelea? Tlhotlhomisa o bone gore ga go na moporofeti ope yo o ka tswang kwa Galelea.”
53
Jaanong ba tsamaya, mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21