bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Leviticus 1
Leviticus 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 2 →
1
Morena o ne a bitsa Moše, a bua nae a le mo Tenteng ya Boipontsho a re:
2
“Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re fa mongwe wa lona a rata go tlisetsa Morena neo ya tlhabelo, gona lo tlise neo tsa tlhabelo tsa lona tse di tswang mo diruiweng, e bong mo dikgomong gongwe mo difutshaneng.
3
Fa neo ya gagwe e le setlhabelo sa kgomo, a a tlise poo e e se nang bogole; a e ise kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho gore a tle a natefele Morena.
4
A be a bee letsogo mo tlhogong ya setlhabelo sa phiso; foo se tla lejwa ke Modimo ka kgatlhego mo boemong jwa gagwe, e le se se mmatlelang boitshwarelo.
5
Jaanong a tlhabe poo fa pele ga Morena, mme bomorwa Arone, baperesiti, ba tlise madi, ba a kgatshe mo aletareng tikologong e e fa mojakong wa Tente ya Boipontsho.
6
A be a bue setlhabelo sa phiso, a se kgaoganye dirwe.
7
Mme bomorwa Arone moperesiti ba gotse molelo mo aletareng, ba rulaganye dikgong mo molelong.
8
Bomorwa Arone baperesiti ba be ba rulaganye dirwe le tlhogo le lomipi mo godimo ga dikgong tse di mo molelong o o mo aletareng.
9
Mme mala a yona le memomo ya yona a a di tlhatswe ka metsi, mme moperesiti a di fise tsotlhe mo aletareng, e le setlhabelo sa phiso, sa molelo, sa monko o o monate mo Moreneng.
10
“ ‘Mme fa neo ya gagwe ya setlhabelo sa phiso e le ya difutshane, le fa e le ya dinku gongwe ya dipodi, a a tlise e tonanyana e e se nang bogole.
11
A be a e tlhabe fa thoko ga aletare ntlheng ya bokone fa pele ga Morena, mme bomorwa Arone, baperesiti, ba kgatshe madi a yona mo aletareng tikologong.
12
A be a e kgaoganye dirwe, mme moperesiti a di rulaganye mmogo le tlhogo ya yona le lomipi lwa yona mo godimo ga dikgong tse di mo molelong o o mo aletareng.
13
Mme mala le memomo a a di tlhatswe ka metsi, mme a moperesiti a di tlise tsotlhe, a di fise mo aletareng, e le setlhabelo sa phiso sa molelo, sa monko o o monate mo Moreneng.
14
“ ‘Mme fa neo ya gagwe ya setlhabelo sa phiso sa Morena e le ya dinonyane, gona a a tlise neo ya gagwe e le ya maphoi gongwe ya maebana.
15
A moperesiti a e ise kwa aletareng, a e soke tlhogo, a e fise mo aletareng, mme madi a yona a a gamolele mo lotlhakoreng lwa aletare.
16
A a tlose sejelo sa yona le diphafa tsa teng, a di latlhele fa thoko ga aletare ntlheng ya botlhabatsatsi mo felong ga molora.
17
Jaanong a a e robe diphuka, mme a se ka a di kgaola, mme moperesiti a e fise mo aletareng mo godimo ga dikgong tse di mo molelong, e le setlhabelo sa phiso, sa molelo, sa monko o o monate mo Moreneng.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27