bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Leviticus 16
Leviticus 16
Tswana Setswana 1970
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 17 →
1
Morena o ne a bua le Moše morago ga loso lwa bomorwa Arone ba babedi jale fa ba atamela fa pele ga Morena ka molelo o sele mo ba bileng ba swa.
2
Morena a raya Moše a re: “Raya Arone mogoloo o re, a se ka a tsena ka nako nngwe le nngwe mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo ka fa teng ga lesire fa pele ga sekhurumelo sa thuanyo se se khurumelang Letlole gore a se swe; gonne ke iponatsa ke le mo lerung godimo ga sekhurumelo sa thuanyo.
3
Arone a ka tsena fela mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo ka go tlhaba poana ya setlhabelo sa boleo le phelehu ya setlhabelo sa phiso;
4
a apare hempe e e boitshepo ya letseta le borokgwe jwa letseta, a bo tswale mo mmeleng wa gagwe, a ikgatlhe ka moikgatlho wa letseta, a rwale serwalo sa letseta; ke tsona diaparo tse di boitshepo. A a tlhape mmele, a di apare.
5
“Mo phuthegong ya Baiseraele a tsee diphoko di le pedi tsa setlhabelo sa boleo le phelehu e le nngwe ya setlhabelo sa phiso.
6
Jaanong Arone a tsise poana ya setlhabelo sa boleo sa gagwe, a itirele thuanyo le ba lapa la gagwe.
7
A be a tsee diphoko tse pedi, a di emise fa pele ga Morena fa mojakong wa Tente ya Boipontsho.
8
Arone a be a tlhamele diphoko tse pedi ditengwa, tengwa e nngwe e nne ya Morena, tengwa e nngwe e nne ya ga Asasele.
9
Arone a be a atametse phoko e tengwa ya Morena e wetseng mo go yona, a e dire setlhabelo sa boleo.
10
Mme phoko e tengwa ya ga Asasele e wetseng mo go yona, a e emisiwe fa pele ga Morena e ntse e phela go dira tsa thuanyo mo go yona le go e lelekela go Asasele kwa sekakeng.
11
“Ke go re: Arone a tsise poana ya setlhabelo sa boleo sa gagwe, a e tlhabe, a itirele thuanyo le ba lapa la gagwe;
12
a be a tsee leiswana le tletse magala a a tswang mo aletareng fa pele ga Morena le bupe jwa matlhare a a nkgang monate bo tletse magofi a mabedi, a di ise ka fa teng ga lesire.
13
A ba a tshele tsa maswalo ao mo molelong fa pele ga Morena gore musi wa maswalo o bipe sekhurumelo sa thuanyo se se khurumelang Letlole la Tshupo gore a se swe.
14
A be a tsee madi mangwe a poana, a a kgatshe ka monwana wa gagwe mo sekhurumelong sa thuanyo ntlheng ya botlhabatsatsi, a be a kgatshe madi mangwe ka monwana wa gagwe gasupa fa pele ga sekhurumelo sa thuanyo.
15
“A be a tlhabe phoko ya setlhabelo sa boleo sa morafe, a be a ise madi mangwe a yona ka fa teng ga lesire, a dire ka madi a yona jaaka a dirile ka madi a poana, a a kgatshe mo sekhurumelong sa thuanyo le fa pele ga sona.
16
A direle Felo-fa-go-Boitshepotshepo thuanyo jalo ka ntlha ya maitshekologo a Baiseraele le ka ntlha ya ditlolo tsa bone ka fa maleong a bone a mefutafuta, le Tente ya Boipontsho e e nang nabo mo gare ga maitshekologo a bone a e direle jalo.
17
A go se nne motho ope mo Tenteng ya Boipontsho fa Arone a tsena go dira tsa thuanyo mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo go ya a ba a tswe. A a ipatlele boitshwarelo jalo le ba lapa la gagwe le phuthego yotlhe ya Iseraele.
18
Jaanong a a tswele kwa aletareng e e fa pele ga Morena, a e direle thuanyo, a tsee madi mangwe a poana le a phoko, a a tshase mo dinakeng tsa aletare tikologong.
19
A be a kgatshe madi mangwe mo go yona gasupa ka monwana wa gagwe, a e itshekise, a e itshepise go tlosa maitshekologo a Baiseraele.
20
“A e re a sena go ruanya Felo-fa-go-Boitshepotshepo le Tente ya Boipontsho le aletare a atametse phoko e e phelang.
21
Arone a bee mabogo a mabedi mo tlhogong ya phoko e e phelang, mme mo godimo ga yona a ipobole melato yotlhe ya Baiseraele le ditlolo tsotlhe tsa bone ka fa dibeng tsotlhe tsa bone, a di bee mo tlhogong ya phoko, a be a e kgweeletse kwa sekakeng ka monna yo o laetsweng tiro e.
22
A phoko e rwale melato yotlhe ya bone jalo, e e tlosetse kwa lefatsheng le le senya; a kgweeletse phoko kwa sekakeng.
23
“Jaanong Arone a tsene mo Tenteng ya Boipontsho, a apole diaparo tsa letseta tse o neng a di apere, fa a tsena mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo, a di tlogele teng.
24
A be a tlhape mmele mo Felong-fa-go-Boitshepo ka metsi, a apare diaparo tsa gagwe; a be a tswe a dire setlhabelo sa phiso sa gagwe le setlhabelo sa phiso sa morafe, a itirele thuanyo le go e direla morafe.
25
A be a fise mafura a setlhabelo sa boleo mo aletareng.
26
Mme monna yo o kgweeditseng phoko ya ga Asasele, a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi; morago ga moo a ka tsena mo bothibelelong.
27
Fa e le poana ya setlhabelo sa boleo le phoko ya setlhabelo sa boleo tse madi a tsona a tsetsweng go dira thuanyo mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo, a ba di ntshetse kwa ntle ga bothibelelo, ba fise matlalo a tsona le dinama tsa tsona le meswang ka molelo.
28
Mme yo o di fisitseng, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi; morago ga moo a ka tsena mo bothibelelong.
29
“A go re jalo e nne molao o o sa khutleng wa lona: Ka kgwedi ya bosupa e le some lo ikokobetse; lo se ka lwa dira tiro epe, le fa e le motho wa mo gae gongwe moeng yo o lo agetseng.
30
Gonne ka letsatsi leo lo direlwa thuanyo go lo itshekisa, e le gore lo tlhapisiwe maleo otlhe a lona fa pele ga Morena.
31
A e nne letsatsi le legolo la boikhutso mo go lona, mme lo ikokobetse ka lone; ke molao o o sa khutleng.
32
Thuanyo e tla tshwanela go dirwa ke moperesiti yo mogolo yo o tla bong a tloditswe, a tlhomamisitswe mo tirong ya boperesiti mo boemong jwa ga rraagwe, mme a apare diaparo tsa letseta tse di boitshepo.
33
A ruanye Felo-fa-go-Boitshepotshepo, a be a ruanye Tente ya Boipontsho le aletare; a be a direle baperesiti le batho botlhe ba phuthego thuanyo.
34
A go re jalo e nne molao o o sa khutleng mo go lona go direla Baiseraele thuanyo ka ntlha ya dibe tsotlhe tsa bone gangwe ka ngwaga.” Mme Arone a dira jaaka Morena a laetse Moše.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27