bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Leviticus 4
Leviticus 4
Tswana Setswana 1970
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 5 →
1
Morena a ba a bua le Moše a re:
2
“Raya Baiseraele o re: ‘Fa motho a leofela nngwe ya ditaolo tsa Morena ka go sa itse, a dira sengwe sa dilo tse di sa tshwanelang go dirwa – go nne jaana:
3
“ ‘Fa moperesiti yo o tloditsweng a leofa, a rwesa morafe molato jalo, a a tlisetse Morena poana e e se nang bogole ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng go nna setlhabelo sa boleo;
4
a tlise poana kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho fa pele ga Morena, a bee letsogo mo tlhogong ya poana, a e tlhabe fa pele ga Morena.
5
Jaanong a moperesiti yo o tloditsweng a tsee madi mangwe a poana, a a ise mo teng ga Tente ya Boipontsho.
6
Moperesiti a be a ine monwana wa gagwe mo mading, a kgatshe madi mangwe gasupa fa pele ga Morena, fa pele ga lesire la Felo-ga-Boitshepotshepo.
7
Moperesiti a be a tshase madi mangwe mo dinakeng tsa aletare ya maswalo a a nkgang monate fa pele ga Morena e e mo Tenteng ya Boipontsho, a be a tshololele madi otlhe a a setseng a poana mo motheong wa aletare ya ditlhabelo tsa phiso e e fa mojakong wa Tente ya Boipontsho.
8
“ ‘Mme mafura otlhe a poana ya setlhabelo sa boleo a a tlose mo go yona, e bong lomipi lo lo apesitseng mogodu le mafura otlhe a a mo maleng
9
le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsona a a mo dinokeng le mafura a a bapileng le sebete, a a tlose fa diphilong,
10
jaaka a tlosiwa mo kgomong ya setlhabelo sa tebogo, mme a moperesiti a di fise mo aletareng ya setlhabelo sa phiso.
11
Mme fa e le letlalo la poana le nama yotlhe ya yona le tlhogo ya yona le memomo ya yona le mala a yona le moswang wa yona
12
a a ntshetse poana yotlhe kwa ntle ga bothibelelo kwa felong fa go phepa kwa molora o olelelwang teng, a e fise teng mo godimo ga dikgong ka molelo; e fisiwe kwa thutubudung ya molora.
13
“ ‘Mme fa phuthego yotlhe ya Iseraele e leofa ka go sa itse, mme phuthego e sa itemoge molato; fa ba dira sengwe sa go tlola taolo nngwe ya Morena se se sa tshwanelang go dirwa, ba nna molato;
14
a e re motlhang go lemogiwang boleo jo ba bo dirileng, phuthego e tsise poana go nna setlhabelo sa boleo; a ba e tlise fa pele ga Tente ya Boipontsho,
15
mme a bagolo ba phuthego ba bee mabogo mo tlhogong ya poana eo fa pele ga Morena, poana e be e tlhajwe fa pele ga Morena.
16
“ ‘Jaanong a moperesiti yo o tloditsweng a ise madi mangwe a poana eo kwa teng ga Tente ya Boipontsho;
17
moperesiti a be a ine monwana wa gagwe mo mading, a a kgatshe gasupa fa pele ga Morena, fa pele ga lesire.
18
A be a tshase madi mangwe mo dinakeng tsa aletare e e fa pele ga Morena mo Tenteng ya Boipontsho; a be a tshololele madi otlhe a a setseng mo motheong wa aletare ya ditlhabelo tsa phiso e e fa mojakong wa Tente ya Boipontsho.
19
Mme mafura otlhe a yona a a tlose mo go yona, a a fise mo aletareng.
20
A a dire ka poana jaaka a dirile ka poana ya setlhabelo sa boleo sa moperesiti, a dire fela jalo. A moperesiti a ba ruanye jalo le Modimo, foo ba tla itshwarelwa.
21
A be a ntshetse poana kwa ntle ga bothibelelo, a e fise jaaka a fisitse poana ya ntlha. Ke sona setlhabelo sa boleo sa phuthego.
22
“ ‘Fa moeteledipele wa morafe a leofa, a dira sengwe sa go tlola nngwe ya ditaolo tsa Morena, Modimo wa gagwe, se se sa tshwanelang go dirwa ka go sa itse, a nna molato,
23
mme morago a itemoga boleo jo o bo dirileng, a a tsise neo ya tlhabelo ya gagwe e bong phoko e e se nang bogole,
24
a bee letsogo mo tlhogong ya phoko, a e tlhabe mo felong fa go tlhajwang setlhabelo sa phiso teng fa pele ga Morena. Ke setlhabelo sa boleo.
25
Jaanong a moperesiti a tsee madi mangwe a setlhabelo sa boleo ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa aletare ya ditlhabelo tsa phiso, mme a tshololele madi a a setseng a yona mo motheong wa aletare ya ditlhabelo tsa phiso.
26
A be a fise mafura otlhe a yona mo aletareng jaaka mafura a setlhabelo sa tebogo. A moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe; foo o tla itshwarelwa.
27
“ ‘Mme fa motho fela wa morafe a leofa ka go sa itse ka go dira sengwe sa go tlola nngwe ya ditaolo tsa Morena se se sa tshwanelang go dirwa, a nna molato;
28
mme morago a itemoga boleo jo a bo dirileng, a a tsise neo ya tlhabelo ya gagwe, e bong podi e namagadi e e se nang bogole ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng;
29
a bee letsogo mo tlhogong ya setlhabelo sa boleo, a se tlhabe mo felong ga setlhabelo sa phiso.
30
Jaanong a moperesiti a tsee madi mangwe a yona ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa aletare ya ditlhabelo tsa phiso, a be a tshololele madi otlhe a a setseng a yona mo motheong wa aletare eo.
31
Mme a a tlose mafura otlhe a yona jaaka go tlosiwa mafura mo setlhabelong sa tebogo. A moperesiti a a fise mo aletareng go nna monko o o monate mo Moreneng. A moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo; foo o tla itshwarelwa.
32
“ ‘Mme fa a tsisa kwana e le neo ya tlhabelo ya gagwe go nna setlhabelo sa boleo, gona a a tsise e namagadi e e itekanetseng,
33
a bee letsogo mo tlhogong ya setlhabelo sa boleo, a se tlhabe go na setlhabelo sa boleo mo felong fa go tlhajwang ditlhabelo tsa phiso teng.
34
Jaanong a moperesiti a tsee madi mangwe a setlhabelo sa boleo ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa aletare ya ditlhabelo tsa phiso, mme madi otlhe a a setseng a yona a a tshololele mo motheong wa aletare eo.
35
A be a tlose mafura otlhe a yona jaaka go tlosiwa mafura a kwana ya setlhabelo sa tebogo. Moperesiti a be a a fise mo aletareng mo godimo ga ditlhabelo tsa molelo tsa Morena. A moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo a bo dirileng; foo o tla itshwarelwa.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27