bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Leviticus 2
Leviticus 2
Tswana Setswana 1970
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 3 →
1
“ ‘Fa motho a tlisetsa Morena neo ya tshupelo ya dijo, a neo ya gagwe e nne bupe jo bo boleta, a tshele lookwane mo go jona, a be a bee tse di nkgang monate mo go jona.
2
A be a e ise kwa go bomorwa Arone, baperesiti, jaanong moperesiti a tabole tse di fisiwang mo go tsona, e bong bupe bo tletse seatla le lookwane lwa teng mmogo le tse di nkgang monate tsotlhe tsa teng, a di fise mo aletareng, e le tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng.
3
Mme tse di setseng tsa tshupelo ya dijo ke tsa ga Arone le bomorwawe; ke tse di boitshepotshepo tsa ditshupelo tsa molelo tsa Morena.
4
“ ‘Mme fa o tlisa neo ya tshupelo ya dijo ya tse di besitsweng mo sebesong a e nne tsa bupe jo bo boleta, e ka nna dinkgwe tse di sa bedisiwang di dubilwe ka lookwane, gongwe dinkgwana tse dipapetla tse di sa bedisiwang di tshasitswe lookwane.
5
“ ‘Mme fa neo ya gago e le tshupelo ya dijo tse di gadikilweng mo paneng, a e nne tsa bupe jo bo boleta, bo dubilwe ka lookwane di sa bedisiwa.
6
Di ngathoganye dithathana, o tshele lookwane mo go tsona. Tse di jalo ke tshupelo ya dijo.
7
“ ‘Mme fa neo ya gago e le tshupelo ya dijo tse di apeilweng mo pitseng, a di dirwe ka bupe jo bo boleta le lookwane.
8
Tshupelo ya dijo e e dirilweng ka tseo o e tlisetse Morena, e neelwe moperesiti, mme ene a e ise kwa aletareng.
9
Jaanong a moperesiti a tsee tse di fisiwang tsa tshupelo ya dijo, a di fise mo aletareng, e le tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng.
10
Tse di setseng tsa tshupelo ya dijo ke tsa ga Arone le bomorwawe; ke tse di boitshepotshepo tsa melelo ya Morena.
11
“ ‘A go se nne tshupelo epe ya dijo e lo e tlisetsang Morena e e dirwang ka tse di bedisitsweng. Lo se ka lwa fisa sepe sa letlhabego le e seng sepe sa mafura a dinotshe go nna tshupelo ya molelo ya Morena.
12
Tsona lo ka di tlisetsa Morena e le neo ya mabutswapele, fela di se ka tsa tla mo aletareng go nna monko o o monate.
13
Neo nngwe le nngwe ya tshupelo ya dijo ya gago o e loke ka letswai. O se ka wa tlhokisa tshupelo ya dijo ya gago letswai la kgolagano ya Modimo wa gago. Tlisa letswai mmogo le tshupelo nngwe le nngwe ya gago.
14
Mme fa o tlisetsa Morena tshupelo ya dijo ya mabutswapele, o tlise diako tse di besitsweng ka molelo gongwe mabele a mašwa a a somotsweng, e le tshupelo ya dijo ya mabutswapele a gago.
15
Fela o tshele lookwane mo go yona, o be o bee tse di nkgang monate mo go yona. Le tseo ke tshupelo ya dijo.
16
Mme tse di fisiwang tsa yona tsa mabele a a somotsweng le lookwane lwa teng a moperesiti a di fise mmogo le tse di nkgang monate tsotlhe. Tseo ke tshupelo ya molelo ya Morena.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27