bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Leviticus 5
Leviticus 5
Tswana Setswana 1970
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 6 →
1
“ ‘Fa motho a leofa, ka a utlwa go hutsiwa mosenyi yo o sa itsiweng, mme ene e le mosupi, ka a bonye molato gongwe a o lemoga, mme a sa o bege, a itsenya jalo mo molatong;
2
“ ‘gongwe fa motho a ama sengwe se se sa itshekang, le fa e le setoto sa phologolo e e sa itshekang gongwe setoto sa seruiwa se se sa itshekang gongwe setoto sa segagabi se se sa itshekang, mme go mo fitlhegetse a itshekologa, a nna molato;
3
“ ‘gongwe fa a ama sengwe sa itshekologo ya motho, le fa e le itshekologo efe e motho o ka itshekologang ka yona, mme go mo fitlhegetse, fela morago a lemoga, fa a le molato;
4
“ ‘gongwe fa motho a ikana ka go bua fela a sa ikakanya mo go tse a reng o tla di dira tsa bosula kampo tsa molemo, le fa e le eng se motho o ka se buang ka maikano, a sa ikakanya, mme go mo fitlhegetse, fela morago a lemoga gore o molato ka sengwe sa dilo tse di ntseng jalo:
5
“ ‘A e re ka a le molato ka sengwe sa dilo tseo, a a ipobole se o leofileng ka sona,
6
a be a tlisetse Morena tefo ya boikwatlhao jwa gagwe ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng, e bong kwana e namagadi ya letsomane gongwe podi e namagadi go nna setlhabelo sa boleo, mme a moperesiti a mo ruanye le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe.
7
“ ‘Mme fa a tlhoka sefutshane, a a tlisetse Morena tefo ya boleo jwa gagwe, e bong maphoi a le mabedi gongwe maebana a le mabedi; le lengwe e nne la setlhabelo sa boleo, le lengwe e nne la setlhabelo sa phiso.
8
A a a tlise kwa go moperesiti, mme ene a atametse le e leng la setlhabelo sa boleo pele, a le soke tlhogo fa molaleng, mme a se ka a e kgaola.
9
A be a kgatshe madi mangwe a setlhabelo sa boleo mo lotlhakoreng lwa aletare, mme a gamolele madi a a setseng mo motheong wa aletare; ke setlhabelo sa boleo.
10
Mme la bobedi a a le dire setlhabelo sa phiso ka fa molaong wa teng, mme moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng; foo o tla itshwarelwa.
11
“ ‘Mme fa a tlhoka maphoi a le mabedi gongwe maebana a le mabedi, a a tlise tshupelo go nna tefo ya boleo jwa gagwe, e bong karolo ya lesome ya efa ya bupe jo bo boleta go nna tshupelo ya boleo. A se ka a tshela lookwane mo go jona le e seng go baya tse di nkgang monate mo go jona; gonne ke tshupelo ya boleo.
12
A a bo tlise kwa go moperesiti, mme moperesiti a bo tabole bo tletse seatla, e le jo bo fisiwang, a bo fise mo aletareng mo godimo ga ditshupelo tsa molelo tsa Morena; ke tshupelo ya boleo.
13
A moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng e le jwa sengwe sa dilo tseo; foo o tla itshwarelwa. Mme bupe jo bo setseng e tla nna jwa moperesiti jaaka tshupelo ya dijo.’ ”
14
Morena a ba a raya Moše a re:
15
“Fa motho a dira ka boikanyologo, a leofa ntlheng ya dineo tse di boitshepo tsa Morena ka go sa itse, a a tlisetse Morena setlhabelo sa molato wa gagwe, e bong phelehu e e se nang bogole jwa letsomane, ka fa o e bonang e lekanye dišekele tsa selefera ka teng, e le dišekele tse di tletseng tsa Felo-ga-Boitshepo, go nna setlhabelo sa molato.
16
Mme tse o di senyeditseng dineo tse di boitshepo a a di lefe, a be a di okeletse karolo ya botlhano ya tsona, a di neele moperesiti, mme moperesiti a mo ruanye le Modimo ka phelehu ya setlhabelo sa molato; foo o tla itshwarelwa.
17
Mme fa motho a leofa, a dira sengwe sa go leofela ditaolo tsa Morena se se sa tshwanelang go dirwa a sa itse, mme a nna molato jalo, a itsenya mo molatong,
18
foo a a tlise phelehu ya letsomane la gagwe e e se nang bogole kwa go moperesiti e o e bonang e lekanye tshenyo go nna setlhabelo sa molato, mme a moperesiti a mo ruanye le Modimo ka ntlha ya tshenyo ya gagwe e o e dirileng e se ka bomo a sa itse, foo o tla itshwarelwa.
19
Ke sona setlhabelo sa molato; o itiretse molato mo Moreneng.”
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27