bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Song of Solomon 1
Song of Solomon 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 2 →
1
Sefela sa Difela sa ga Salomo.
2
A a nkatle ka dikatlo tsa molomo wa gagwe! Ee, lorato lwa gago lo monate bogolo go weine.
3
Monko wa ditlolo tsa gago o monate. Leina la gago le tshwana le setlolo se itshetsweng. Ke ka moo makgarebe a go ratang.
4
Nkgoge, ke go sale morago, a re siane! A kgosi e nkise mo matlwaneng a yona. Re tla duduetsa, re go itumelela, re boka lorato lwa gago bogolo go weine. Makgarebe a go rata ka tshwanelo.
5
Lona bomorwadia Jerusalema, ke morokwa, mme ke montle jaaka ditente tsa Ketare, jaaka masire a ga Salomo.
6
Se ntebeng ka ke le morokwa! Kana letsatsi le mphisitse. Bokgaitsadiake ba ne ba nkgakaletse, ba nthoma go leta masimo a moweine. Mme tshimo ya me ya moweine ga ke a e disa.
7
Wena yo pelo ya me e go ratang, mpolelele gore o fudisa kae, o bothisa kae motshegare? Gonne ke ka ntlha ya eng fa nka nna moiphitlhi mo matlhapeng a balekane ba gago?
8
Fa o sa itse, wena yo montlentle mo basading, tswaya o latele metlhala ya dinku o fudise dipotsane tsa gago kwa mekgorong ya badisa.
9
Moratiwa wa me, ke go tshwantshanya le pitse nngwe ya tse di gogang dikoloi tsa ga Farao.
10
Marama a gago a mantle ka mokgabo wa dikeetane le molala wa gago ka dibaga.
11
Re tla go direla dikeetane tsa gouta tse di nang le dikgotlhwana tsa selefera.
12
Ya re kgosi e ntse e le fa dijong, setlolo sa me sa utlwatsa monko wa sona.
13
Morati wa me ke kgetsana ya mera mo go nna e e lalang fa gare ga mabele a me!
14
Morati wa me ke dithunya tse di nkgang monate mo go nna tse di mo masimong a moweine a Engedi.
15
Ruri, o montle, moratiwa wa me! Ruri, o montle. Matlho a gago a tshwana le a maeba.
16
Ruri, o montle, morati wa me! Ee, o a ratega; bolao jwa rona bo mo botaleng.
17
Ditlhomeso tsa ntlo ya rona ke mesetere; kapeso ya dipota tsa rona ke mesiperese.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8