bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Song of Solomon 5
Song of Solomon 5
Tswana Setswana 1970
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 6 →
1
Ke tsile mo tshimong ya me, kgaitsadiaka, monyalwa. Ke kgetla mera ya me le makga a a monate a me. Ke ja lomepe lwa me le dinotshe tsa me; ke nwa weine ya me le mašwi a me. Lona ba ga etsho, jaang, lo nwe; ditsala tsa me, kgorang!
2
Ke ne ke robetse, mme pelo ya me yona ya tlhobaela. Ka utlwa morati wa me a konyakonya a re: “Mpulele, kgaitsadiaka, moratiwa wa me, leebana la me, moitekanedi wa me. Gonne tlhogo ya me e tletse monyo, moriri wa me o tletse marothodi a bosigo.”
3
Ka re: “Ke apotse mosese wa me, nka o apara jang gape? Ke setse ke tlhapile dinao, nka tla ka di kgotlela.”
4
Morati wa me a ba a tsenya seatla sa gagwe ka letshoba la lobati; ke fa maikutlo a me a mo huduegela.
5
Ka ba ka tsoga gore ke bulele morati wa me. Diatla tsa me tsa bo di rotha mera le menwana ya me e rotha mera e e rothegelang mo matshwarong a lobati.
6
E rile a bua, ka tlhomoga pelo, ka bulela morati wa me, mme morati wa me a bo a ngwegile a tsamaile. Ka mmatla, ka se ka ka mmona; ka mmitsa, mme a se ka a nkaraba.
7
Ka bonwa ke badisa ba ba tsamayang mo motseng; ba ntitaya, ba nntsha dintho; badisa ba dipota ba nkamoga kobo ya me.
8
Lona bomorwadia Jerusalema, ke a lo ikanisa ka re: E re fa lo ka mmona, ene morati wa me, lo mo itsise lo re: Ke lwala ka lorato.
9
Morati wa gago o gaisa morati yo mongwe ka eng, wena yo montle mo basading? Morati wa gago o phala morati yo mongwe ka eng, fa o re ikanisa jalo?
10
Morati wa me o mosweu, o mohibidu; o gaisa banna ba le dikete.
11
Tlhogo ya gagwe ke gouta e e sa pekwang; moriri o o itshophileng wa gagwe ke dikala tsa mokolane tse di tshikinyegang; o montsho jaaka lehukubu.
12
Matlho a gagwe a tshwana le maeba a a fa dinokeng, a tlhapa mo mašwing, a tlhomilwe sentle.
13
Marama a gagwe a tshwana le ditemanyana tsa makga a a monate tse di jwetsweng ditlhatshana tse di nkgang monate; molomo wa gagwe ke dithunya, o rotha mera e e metsi.
14
Mabogo a gagwe ke dikotana tsa gouta tse di potokwane tse di gomilweng ka ditaemane. Mmele wa gagwe o bopegile ka dinaka tsa ditlou, o kgabisitswe ka disafire tse ditala.
15
Maoto a gagwe ke maotwana a lentswe la legakwa a a tlhomilweng mo ditlhomong tsa gouta e e sa pekwang. Sebopego sa gagwe se tshwana le sa Lebanone se tlotlometse jaaka mesetere.
16
Mafoko a gagwe a monatenate. Ruri, o montlentle gotlhe. Morati wa me ke yo o ntseng jalo; ke ene tsala ya me, lona bomorwadia Jerusalema.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8