bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Song of Solomon 3
Song of Solomon 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 4 →
1
Fa ke le bolaong bosigo, ke tlhologeletswe yo pelo ya me e mo ratang; ke mo tlhologeletswe, mme ga ke mmone.
2
Ka re: “A ke tsoge, ke senke mo motseng kwa le kwa mo mebileng le mo dipatlelong; ke batle ene yo pelo ya me e mo ratang;” ka mmatla, ka se ka ka mmona.
3
Ka bonwa ke badisa ba motse ba ba tsamayang mo motseng. Ka re: “A lo mmonye yo pelo ya me e mo ratang?”
4
Ya re ke sena go ba feta go le gonnye, ka mo fitlhela ene yo pelo ya me e mo ratang; ka mo tshwara, ka se ka ka mo lesa ka ba ka mo isa kwa ntlong ya ga mme, mo ntlwaneng ya yo o mpelegeng.
5
Lona bomorwadia Jerusalema, ke lo ikanisa ka ditshephe gongwe ka ditholo ka re: Lo se ka lwa tsosa lorato le e seng go lo tsibosa go fitlhelela lone lo itsose ka losi.
6
Ke mang yo o tlhagang kwa sekakeng jaaka dipinagare tsa musi, a nkgisitswe monate ka mera le maswalo le ka ditlolo tsa mefutafuta tsa morekisi?
7
Bonang, ke sedulo se se tsholediwang sa ga Salomo se dikanyeditswe ke banna ba le soma marataro ba bagale ba Iseraele.
8
Botlhe ba tshwere ditšhaka, ba tlwaetse tlhabano. Mongwe le mongwe a ipofeletse tšhaka mo lethekeng ka ntlha ya ditherego tsa bosigo.
9
Kgosi Salomo o ne a itirela sedulo se se sikarwang ka dikgong tsa Lebanone.
10
A dira maoto a sona ka selefera le moikaego wa sona ka gouta le manno a sona ka masela a mantle a mahibidu; bogare jwa sona bo kgabisitswe sentle, e le tiro ya lorato lwa bomorwadia Jerusalema.
11
Lona bomorwadia Sione, tswayang lo bone kgosi Salomo a rwele serwalo sa bogosi se a se rwesitsweng ke mmaagwe ka letsatsi la lenyalo la gagwe, ka letsatsi la boitumelo jwa pelo ya gagwe.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8