bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Song of Solomon 6
Song of Solomon 6
Tswana Setswana 1970
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 7 →
1
Morati wa gago o ile kae, wena yo montlentle basading? Morati wa gago o ile ntlha efe gore re mo go batlise?
2
Morati wa me o fologetse kwa tshimong ya gagwe kwa ditemanyaneng tsa makga a a monate; a ya go fula maungo kwa masimo le go kgetla dithunya.
3
Nna ke wa morati wa me; morati wa me ke wa me; ene yo o leng modisa mo gare ga dithunya.
4
Moratiwa wa me, wena o montle jaaka motse wa Thiresa; o ratega jaaka Jerusalema; o boitshega jaaka mophato wa batlhabani ba ba tshotseng sefoka.
5
Thibosa matlho a gago mo go nna, gonne a a ntshosa. Moriri wa gago o tshwana le letsomane la dipodi tse di fologang mo dithabeng tsa Gileate.
6
Meno a gago a tshwana le letsomane la dinku tse dinamagadi tse di tswang go tlhapisiwa; tse nngwe le nngwe ya tsona e nang le dikwana tsa mafatlha, go se na moreba ope.
7
Marama a gago mo teng ga lesire la gago a tshwana le maungo a garanata a a fatotsweng.
8
Go na le bahumagadi ba le 60 le bagadingwana ba le 80 le makgarebe a a se nang palo.
9
Fela yo e leng leeba la me le moitekanedi wa me ke a le mongwe fela. Ke yo o esi wa ga mmaagwe, ke yo o itshekileng wa yo o mmelegeng. E a re fa basetsana ba mmona ba re, o tlhogonolo; bahumagadi le bagadingwana ba mmoke.
10
Ke mang yo o okomelang jaaka mahube, a le montle jaaka ngwedi, a le phepa jaaka letsatsi, a boitshega jaaka mophato wa batlhabani ba ba tshotseng sefoka?
11
Ke ne ka fologela kwa tshimong ya dikgeru, ka ya go itumelela ditlhatshana tse ditala tsa molapo; ka ya go bona gore a setlhare sa moweine se tlhogile, a sa garanata se a thunya?
12
Ke ne ke sa lemoge gore keletso ya me e nkisa kwa dikoloing tsa batho ba motlotlegi.
13
Boa, boa, wena wa kwa Suleme; boa, boa gore re go itumelele. Lo itumelela eng mo mosetsaneng wa kwa Suleme? O tshwana le go bina ga baengele kwa Mahanaime.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8