bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Song of Solomon 8
Song of Solomon 8
Tswana Setswana 1970
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
1
E kete o ka bo o le kgaitsadiake, yo o amuleng mabele a ga mme! E ne e tla re fa ke go fitlhela kwa ntle, ke go atle, go se yo o ka nnyatsang.
2
Nka bo ke go goga, ke go isa kwa lapeng la ga mme gore o nthute. Nka bo ke go nosa weine e e tswaisitsweng ka matute a digaranata tsa me.
3
Letsogo la gago la molema le ntshameditse; le le jang le a ntlamparela.
4
Lona bomorwadia Jerusalema, ke a lo ikanisa ka re: Lo tsosetsang lorato le go lo tsibosa lo ise lo itsose ka losi?
5
Ke mang yo o tlhagang kwa sekakeng a ikaegile ka morati wa gagwe? Ke go tsositse o le fa tlase ga setlhare sa apole. Mmaago o ne a ikutlwa gona go go belega; yo o go belegeng o ne a segwa ke leralalo gona.
6
Mpee fa pelong ya gago jaaka palamonwana e e tshwayang, le mo letsogong la gago jaaka leseka. Gonne lorato lo thata jaaka loso; lefufa la lone le setlhogo jaaka felo ga baswi; ditlhase tsa lone ke ditlhase tsa molelo; dikgabo tsa lone di tshwana le tsa Morena.
7
Metsi a mantsi ga a kgone go tima lorato. Dinoka ga di ka ke tsa lo nwetsa. Fa monna a ntsha dithoto tsotlhe tsa ntlo ya gagwe a re o reka lorato, ba tla mo nyatsa thata.
8
Re na le kgaitsadia-rona yo mmotlana yo o iseng a tswe mabele. Re ka dirang ka kgaitsadia-rona ka letsatsi le o batliwang ka lone?
9
Fa a le lorako, re tla aga kgabiso ya selefera mo go lone; fa a le kgoro, re tla e tswala ka dipati tsa mesetere.
10
Ke ntse ke le lorako; mabele a me a ntse a tshwana le diturio tse di femetsweng. Jaanong mo matlhong a gagwe ke fetogile yo o bonyeng kagiso.
11
Salomo o ne a na le tshimo ya moweine kwa Baale-Hamone; tshimo eo a e neela barapi. Mongwe le mongwe o ne a na le go ntshetsa maungo a yona diselefera tse kete.
12
Tshimo ya moweine ya me e e leng ya me e fa pele ga me. Diselefera tse kete ke tsa gago, Salomo; di le kgolamabedi ke tsa badisa ba maungo a yona.
13
Wena yo o agileng mo masimo, ditsala di utlweletse lentswe la gago; nte ke le utlwe!
14
Itlhaganele, wena morati wa me, o tshwane le tshephe gongwe le namane ya tholo mo dithabeng tsa makga a a monate.
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8