bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Timothy 1
1 Timothy 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 2 →
1
Ke nna Paulo, moaposetole wa ga Keresete Jesu ka fa taolong ya Modimo Moreboloki, le Keresete Jesu tsholofelo ya rona.
2
Ke kwalela Timotheo, ngwanake ruri mo tumelong, ka re: A go nne tshegofatso, le kutlwelobotlhoko, le kagiso, tse di tswang Modimong Rara le Keresete Jesu Morena wa rona.
3
Jaaka ke go laile, ka re, o tle o sale mo Efeso, jale ka ke ya Maketonia, gore o tle o laye batho bangwe, gore ba se ka ba ruta ka thuto e sele.
4
Le fa e le go tlhokomela mainane le dipalo tse di senang bokhutlo tsa ditshika, e le mo go tlhotlheletsang dikgang fela, bogolo go go tlhotlheletsa tirelo ya Modimo e e emeng mo tumelong; ke sa ntse ke bua jalo le gompieno.
5
Bofelelo jwa tao eo ke lorato lo lo tswang mo pelong e e itshekileng, le segakolodi se se molemo, le tumelo e e se nang boitimokanyo.
6
E le dilo tse bangwe ba e rileng ba sena go di fosa ba fapogela kwa go bueng boithamako.
7
Ba eletsa go nna baruti ba molao, le mororo ba sa tlhaloganye se ba se buang, le fa e le se ba tlhomamisang ka ga sone.
8
Mme re a itse fa molao o le molemo, fa motho a dira ka one ka fa go laotsweng ka teng,
9
a ntse a itse gore molao ga o a beelwa motho yo o siameng, fa e se ba ba ipheferang mo molaong, le ba ba ganang taolo, le ba ba sa boifeng Modimo, le baleofi, le ba ba sa itshepang, le ba ba matlhapa, le babolaya borraabo, le babolaya bommaabo, le babolai ba batho,
10
le bagokafadi, le basotoma, le bautswa batho, le baaki, le ba ba buang maaka ka go ikana, le fa go ka bo go na le selo se sele se se tlhabanang le thuto e e itekanetseng;
11
ka fa Mafokong a a Molemo a kgalalelo ya Modimo o o bakwang, a ke a neetsweng.
12
Ke leboga ene yo o nneileng nonofo, e bong Keresete Jesu Morena wa rona ka a nkaile boikanngo, a ntaolela tirelo ya gagwe;
13
le fa gale ke ne ke le mokgadi, le mmogisi le mosenyi, le fa go ntse jalo ka bona boutlwelobotlhoko ka ke go dirile ka go tlhoka go itse, ke sa dumela;
14
mme tshegofatso ya Morena wa rona ya tota thata ka tumelo le lorato lo lo mo go Keresete Jesu.
15
Go boikanngo lefoko le, le bile le tshwanetse kamogelo yotlhe, le le reng, Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng go boloka baleofi; ba ke leng tlhogo mo go bone.
16
Le fa go ntse jalo ka bona boutlwelobotlhoko ka ntlha ya gore Jesu Keresete a bonatse bopelotelele jwa gagwe jotlhe mo go nna, ke le wa tlhogo, gore e nne sekao sa ba ba tlaa namang ba dumela mo go ene, go tla ba bona botshelo jo bo sa khutleng.
17
Jaana a Kgosi e e ntseng fela e se na tshimologo, le fa e le bokhutlo e e se keng e swa, e e se keng e bonwa, e e leng Modimo o o osi, e newe tlotlo le kgalalelo ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
18
Taelo e ke a e go neela ngwanaka Timotheo, ka fa diperofesong tse di kileng tsa go etelela pele, gore o tle o tlhabane ntwa e e molemo ka tsone;
19
o ntse o tshegeditse tumelo le segakolodi se se molemo; se bangwe ba e rileng ba sena go se kgoromeletsa koo, ba sala ba senyega ka ga tumelo,
20
ba Humenaio le Alekesantere e leng ba bone; ba ke ne ke ba neela Satane, gore ba rutwe go lesa go tlhapatsa Modimo.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6