bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Timothy 3
1 Timothy 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 4 →
1
Go boikanngo polelo ya go re: Fa motho a senka boemo jwa mookami wa phuthego o eletsa tiro e e molemo.
2
Ke gone mookami wa phuthego o na le go nna motho yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela, a ikgapile, a le mogopolo o o lekalekanyeng, a le mokgwa montle, e le yo o tsholang batho sentle, a itse go ruta;
3
a se borumolang, a se moitei, a le bonolo, a se segagapa, a se morati wa go huma madi.
4
A itse go laola ntlo ya gagwe sentle, bana ba gagwe ba mo utlwa ka tshisimogo yotlhe;
5
ka e a re fa motho a sa itse go laola ntlo ya gagwe tota, o tlaa babalela jang phuthego ya Modimo?
6
A se moša, e se re gongwe a ikgogomosa mme a wela mo tshekisong ya diabolo.
7
Gape o tshwanetse go bolelwa ka molemo ke ba ba kwa ntle; e se re kgotsa a wela mo kgobong le mo serung sa diabolo.
8
Bagolwane ba phuthego le bone ba tshwanetse go nna batho ba ba masisi, ba se diteme pedi, ba sa lemalele bojalwa, ba sa bolaelwe khumo e e maswe ke pelo;
9
ba tshegeditse boteng jwa tumelo ka segakolodi se se itshekileng.
10
Le bone bao, a ba lekwe pele; foo a ba direle e le bagolwane ba phuthego, fa ba se na molato.
11
Basadi ba e leng bagolwane le bone ba tshwanetse go nna batho ba ba masisi jalo, ba se bapateletsi, ba le mogopolo o o lekalekanyeng, ba le boikanngo mo dilong tsotlhe.
12
A bagolwane ba phuthego e nne banna ba ba mosadi a le mongwe fela, ba laole bana ba bone le matlo a bone sentle.
13
Gonne ba ba dirileng sentle e le bagolwane ba phuthego, ba iponela boemo jo bo molemo, le tshosologo e kgolo mo tumelong e e mo go Keresete Jesu.
14
Dilo tse ke a di go kwalela, ke solofetse go akofa ke ya koo go wena;
15
e tle e re fa ke ka diega thata, o bo o itse ka fa batho ba tshwanetseng go dira ka teng mo ntlong ya Modimo, e e leng phuthego ya Modimo o tshedileng, lekotwana le setshegetso sa boammaaruri.
16
Kwa ntle ga kgang, boteng jwa bosaitseweng jwa poifo Modimo bo bogolo; ke go re: Ene yo o bonaditsweng mo nameng, a siamisiwa ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo merafeng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholelediwa kwa kgalalelong.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6