bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Timothy 5
1 Timothy 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 6 →
1
O se ka wa kgalemela mogolwane; mme o mo laye jaaka fa e ka bo e le rraago; le makau jaaka bomonnao.
2
Basadi ba ba godileng o ba laye jaaka fa e ka bo e le bommaago; le barweetsana jaaka bokgaitsadio, ka boitsheko jotlhe.
3
Tlotla basadi ba batlholagadi ba e leng batlholagadi ruri.
4
Fa mosadi mongwe wa motlholagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bao ba ithute pele go itshupa bopelonomi mo go ba ga bone, le go leboga batsadi ba bone; gonne mo, go lebosega mo matlhong a Modimo.
5
Aitse mosadi yo e leng motlholagadi ruri, a bile a tlogetswe a le mo paeng fela, tsholofelo ya gagwe e tlhomilwe mo Modimong, o tle a tswelele mo mekokotlelong le mo merapelong bosigo le motshegare.
6
Mme mosadi wa motlholagadi yo o ineelang mo dikgatlhegong, o sule a sa ntse a tshedile.
7
Le tsone dilo tse o di ba laolele, gore ba tle ba nne ba se na mokgobo.
8
Fa mongwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.
9
Mosadi ope a se ka a kwalwa e le motlholagadi a ise a nne dinyaga di le 60, e le yo o kileng a nyalwa ke monna a le mongwe fela.
10
A bolelwa sentle ke ditiro tse di molemo; fa a godisitse bana, fa a bolokile baeng, fa a tlhapisitse baitshepi dinao, fa a thusitse ba ba mo pitlaganong, fa a tsweletse pele ka tlhoafalo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo.
11
O gane basadi ba batlholagadi ba ba sa ntseng ba le meroba; gonne e tlaa re ba babalelwa ke taolo ya ga Keresete, ba rate go nyalwa;
12
mme ba bone tshekiso, ka gobo ba latlhile ikano ya bone ya ntlha.
13
Le gone ba ithute botshwakga, ba nne ba dikologe le matlo; mme ga se go re ba ditshwakga fela, e bile ke babalabadi le balotlhanyi, ba bue dilo tse ba sa tshwanelang go di bua.
14
Ke gone, ke rata gore batlholagadi ba ba sa ntseng ba le meroba ba nyalwe, ba bone bana, ba laole ntlo, ba tlhoke le go naya mmaba lobaka lope lwa go kgala;
15
gonne le jaana bangwe ba setse ba fapogile ba ile le Satane.
16
Fa mosadi mongwe yo o dumelang a na le basadi ba batlholagadi, e le ba ga gabo, a a ba thuse, mme phuthego e se imediwe; gore e tle e thuse ba e leng batlholagadi ruri.
17
Bagolwane ba ba laolang sentle a ba kaiwe go tshwanela tlotlo sebedi, bogolo ba ba dirang mo lefokong le mo go ruteng.
18
Gonne lokwalo lwa re: “O se ka wa bofa kgomo molomo fa e photha mabele,” gape lwa re: “Modiri o tshwanetswe ke maduo a gagwe.”
19
Fa mogolwane a bewa molato, o se ka wa dumela, fa e se ka molomo wa basupi ba le babedi, kgotsa ba le bararo.
20
Ba ba leofang o ba kgalemele mo ponong ya botlhe, gore ba bangwe le bone ba nne mo poifong.
21
Ke go laya mo ponong ya Modimo le ya ga Keresete Jesu, le ya baengele ba ba itshenketsweng, gore o tlhokomele dilo tse ka mo go se nang tlhaolo, o sa dire sepe ka mokgwa wa go rata mongwe.
22
O se ka wa beela motho ope diatla ka potlako, le gone o se ka wa tlhakanela le batho ba bangwe dibe tsa bone; o itshegetse o le mo boitshekong.
23
O se tlhole o le monwi wa metsi, o nne o nwe bojalwanyana jwa mofine ka ntlha ya mala a gago, le makoa a gago a mantsi.
24
Dibe tsa batho ba bangwe di a bonala, di fetela pele di ya tshekisong; tsa batho ba bangwe le bone di ba sale morago.
25
Go ntse fela jalo, go na le ditiro tse di molemo tse di bonalang fela; le tse di sa nnang jalo ga di ka ke tsa fitlhega.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6