bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Timothy 4
1 Timothy 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 5 →
1
Mowa o bua ka thanolo gore, mo metlheng ya morago bangwe, ba tlaa tenega mo tumelong, ba tlhokomela mewa e e timetseng, le dithuto tsa badimo.
2
Ka boitimokanyo jwa batho ba ba buang maaka, e le ba digakolodi tsa bone di ntseng jaaka e kete di fisitswe ka tshipi e e molelo;
3
ba itsa batho go nyala, ba laola gore go ilwe dijo tse Modimo o di tlhophetseng go amogelwa ka tebogo ke ba ba dumelang le ba ba itseng boammaaruri.
4
Gonne sebopiwa sengwe le sengwe sa Modimo se molemo, ga go sepe se se nang le go ganwa, fa se amogelwa ka tebogo;
5
gonne se a bo se itshepisiwa ka lefoko la Modimo le ka thapelo.
6
Fa o gakolola bakaulengwe ka ga dilo tse, o tlaa bo o le modiredi yo o molemo wa ga Keresete Jesu, yo o otlwang ka mafoko a tumelo, le a thuto e e molemo, e o ntseng o e setse morago le gompieno.
7
Mme o gane ditlhamane tse di bosula le tsa sesadi segolo. O itshikinye mo poifomodimong:
8
Gonne go tshikinya mmele go molemo mokhutshwane; mme poifomodimo e molemo ka ga dilo tsotlhe, ka e na le tsholofetso ka ga botshelo jwa gompieno, le ka ga jone jo bo tlaa tlang.
9
Go boikanngo polelo e, e bile e tshwanetswe ke kamogelo yotlhe.
10
Gonne re a dira e bile re a leka ka ntlha ya gone mo, ka gonne re na le tsholofelo ya rona, e tlhomilwe mo Modimong, o o tshedileng, o e leng Mmoloki wa batho botlhe, bogolo wa bone ba ba dumelang.
11
Dilo tse, o di ba laolele o di ba rute.
12
Ope a se ka a nyatsa bokau jwa gago; o nne sekao sa ba ba dumelang, mo puong le mo mokgweng wa go tshela, mo loratong, mo tumelong le mo boitshekong.
13
O tlhokomele go bala, le go laya, le go ruta, ke tle ke tsamaye ke tle.
14
O se ka wa tlhokomologa neo e e mo go wena, e o neilweng ka perofeso e pataganye le peo ya diatla tsa bagolwane.
15
O tle o tlhoafale mo dilong tse; o ineele mo go tsone ka bojotlhe jwa gago; gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo go botlhe.
16
O ipone o bo o bone le go ruta ga gago. O nnele ruri mo dilong tse, gonne ka go dira jalo o tlaa bo o ipoloka o ba o boloka ba ba go utlwang.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6