bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ecclesiastes 11
Ecclesiastes 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 12 →
1
Latlhela dijo tsa gago mo metsing, gonne o tlaa di bona morago ga malatsi a le mantsi.
2
Naya batho ba supa kabelo, ee, le ba fera mebedi; gonne ga o itse go re go tlaa nna bosula bofe mo lefatsheng.
3
Fa maru a tletse pula, a tle a ithele mo lefatsheng; mme fa setlhare se wela ntlheng ya borwa, kgotsa ntlheng ya botsheka, mo felong fa setlhare se welang gone, se tlaa namalala gone fela.
4
Ene yo o tlhokometseng phefo ga a ketla a jala; le yo o gopolang maru ga a ketla a roba.
5
E re ka o sa itse tsela ya phefo, le fa e le ka fa marapo a golang ka gone mo sebopelong sa yo o moimana; fela jalo ga o itse ditiro tsa Modimo o o dirang gotlhe fela.
6
Mo mosong o jale peo ya gago, mme mo maitseboeng o se ka wa ikgogona letsogo; gonne ga o itse e e tlaa tlhomamang, eno, kgotsa ele, kgotsa a di tlaa nna molemo tsoo pedi tsa tshwana fela.
7
Ruri lesedi le monate; mme ke se se kgatlhang fa matlho a leba letsatsi.
8
Ee, fa motho a tshela dinyaga di le dintsi, a a itumele mo go tsone tsotlhe; mme a gakologelwe metlha ya lefifi, gonne e tlaa nna mentsi. Gotlhe mo go tlang ke boithamako fela.
9
Itumele, wena lekau, mo bokaung jwa gago; a pelo ya gago e go jese monate mo metlheng ya bokau jwa gago, mme o sepele mo ditseleng tsa pelo ya gago, le mo ponong ya matlho a gago; mme o bo o itse fa Modimo o tlaa go isa tshekong ka ga dilo tse tsotlhe fela.
10
Ke gone o tlose bohutsana mo pelong ya gago, o bo o tlose bosula mo nameng ya gago: gonne bokau le bonna jo bo tletseng ke boithamako fela.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12