bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ecclesiastes 4
Ecclesiastes 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 5 →
1
Foo ka menoga mme ka bona dipatiko tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi; mme bonang, dikeledi tsa ba ba patikwang, mme ba bo ba se na mogomotsi; mo ntlheng ya bapatiki ba bone go ne go na le nonofo, mme bone ba bo ba se na mogomotsi.
2
Ke gone ka moo ka baka baswi ba ba setseng ba sule, bogolo go batshedi ba ba sa ntseng ba tshedile;
3
ee, yo o molemo bogolo go bone boo babedi, ka re, ke yo o iseng a nne, yo o iseng a bone tiro e e bosula e e dirwang tlase ga letsatsi.
4
Foo ka bona letsapa lotlhe; le tiro nngwe le nngwe e e botswerere, go re ka ga mo, motho o gopolwa ka bopelotshetlha ke wa ga gabo. Mme le gone ke boithamako le go belebetlela phefo fela.
5
Seeleele se ikgona mabogo, se ije nama ya sone.
6
Go molemo se se lekanyeng legofe fa se na le boiketlo, bogolo go se se lekanyeng diatla di le pedi fa se na le letsapa le go belebetlela phefo fela.
7
Foo ka bowa mme ka bona boithamako tlase ga letsatsi.
8
Go na le mongwe yo o esi, mme ga a na wa bobedi; ee, ga a na ngwana wa mosimane le fa e le morwa rraagwe; le fa go ntse jalo, letsapa la gagwe lotlhe ga le na bokhutlo, le gone matlho a gagwe ga a ke a kgora khumo. A re: “Ee, le foo, ka bo ke direla mang letsapa, ke ba ke thukhutha mowa wa me molemo?” Mo le gone ke boithamako, ee, ke thekisego e e botlhoko.
9
Batho go nna babedi go molemo bogolo go a le mongwe fela; gonne ba bona tuelo e e molemo ka letsapa la bone.
10
Gonne fa ba wa, yo mongwe o tlaa kakatlolola monkane wa gagwe; mme go a bo go latlhega ene yo o leng esi fa a wa, mme a se na yo mongwe yo o mo kakatlololang.
11
Gape fa batho ba le babedi ba robetse mmogo, foo ba jesanye bothitho; mme motho o ka nna bothitho jang fa a le esi?
12
Mme fa motho a fenya yo o esi, ba le babedi ba tlaa mo lotlhanela; mme mogala o o dikala ditharo ga o ko o kgaoga ka bonako.
13
Lekau le le humanegileng mme le le botlhale, le molemo bogolo go kgosi e e tsofetseng e e silofetseng, e e sa tlholeng e iteseletsa go gakololwa.
14
Gonne mongwe o ka tswa mo ntlong ya kgolegelo a tla go nna kgosi; mme yo mongwe yo o tsaletsweng mo bogosing a humanega.
15
Ke bonye batshedi botlhe ba ba tsamayang tlase ga letsatsi, fa ba ne ba na le ene wa lekau, wa bobedi, yo o ne a ema mo boemong jwa lone.
16
Batho bao botlhe go ne go se na bokhutlo jwa bone, e bong bone botlhe ba o ne a ba laola; le fa go ntse jalo ba ba tlang morago, ga ba ketla ba itumela mo go ene. Ruri mo, le gone ke boithamako le go belebetlela phefo fela.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12