bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ecclesiastes 6
Ecclesiastes 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 7 →
1
Go na le bosula bongwe jo ke bo bonyeng tlase ga letsatsi, mme bo ketefaletse batho.
2
Monna yo Modimo o mo nayang dikhumo, le thuo, le tlotlo, a bile a sa tlhokele mowa wa gagwe sepe sa dilo tsotlhe tse o di eletsang, le fa go ntse jalo Modimo o sa mo neye thata ya go ja ga tsone, mme di jewe ke moeng; mo ke boithamako, e bile ke pobolo e e bosula.
3
Fa motho a tshola bana ba le lekgolo, mme a tshela dinyaga di le dintsi, metlha ya dinyaga tsa gagwe e ba e nna mentsi, mme mowa wa gagwe o sa tladiwe ka molemo, gape a sa bone phitlho; ka re phetelo e molemo bogolo go ene;
4
ka gonne e tla e le lefela, e feta ka lefifi, le leina la yone le khurumediwe ke lefifi;
5
gape ga e a ka ya bona letsatsi, le fa e le go le itse; e na le boikhutso bogolo go motho yole.
6
Ee, le fa a ka tshela dinyaga di le 2 000; le fa go ntse jalo a sa je molemo ope monate, a botlhe ga ba ye felong go le gongwe fela?
7
Letsapa lotlhe la motho ke ka ga legano la gagwe, le fa go ntse jalo pelo ya go ja ga e kgore.
8
Gonne yo o botlhale o gaisa seeleele ka eng? Kgotsa motho wa mohumanegi yo o itseng go sepela fa pele ga batshedi o na le eng?
9
Pono ya matlho e molemo bogolo go kgarakgatshego ya keletso; se le sone ke boithamako le go belebetlela phefo fela.
10
Sengwe le sengwe se se kileng sa nna, leina la sone le se reilwe bogologolo, go a itsiwe fa e le motho; le gone ga a kake a ganela le ene yo o thata bogolo go ene.
11
E re ka go na le dilo di le dintsi tse di totisang boithamako, go na le thuso yang mo mothong?
12
Gonne e mang yo o itseng se se molemo mo mothong mo botshelong jwa gagwe, mo metlheng yotlhe ya botshelo jwa gagwe jwa boithamako, jo o bo fetisang jaaka moriti fela? Gonne e mang yo o ka bolelelang motho se se tlaa nnang morago ga gagwe tlase ga letsatsi!
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12