bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ecclesiastes 5
Ecclesiastes 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 6 →
1
O re o tsena mo ntlong ya Modimo o nannabetse lonao lwa gago; gonne go atamela go utlwa, go molemo bogolo go setlhabelo sa dieleele, gonne ga di itse fa di dira bosula.
2
O se ka wa phamoga ka molomo, mme a pelo ya gago e se nne bonako go bua sengwe fa pele ga Modimo; gonne Modimo o kwa legodimong, mme wena o mo lefatsheng; mme ke gone, a mafoko a gago a nne makhutshwane.
3
Gonne toro e tle e tle ka bontsi jwa ditirotiro; le lentswe la seeleele le tla ka bontsi jwa mafoko.
4
Fa o ikanela Modimo ka ikano, o se ka wa diega go e lefa; gonne ga o na kgatlhego mo dieleeleng; o lefe se o ikanneng ka ga sone.
5
Go molemo, go re o se ikane, bogolo go go re o ikane mme o sa lefe.
6
O se ka wa leseletsa molomo wa gago wa leofisa nama ya gago; le gone o se ka wa bua fa pele ga moengele, wa re: “E ne e le timelo;” ana Modimo o ka bo o galefelelang lentswe la gago o ba o senya tiro ya diatla tsa gago?
7
Gonne go tle go dirafale jalo ka ntlha ya bontsi jwa ditoro, le maithamako, le mafoko a mantsi; mme wena, o boife Modimo.
8
Fa o bona patikego ya bahumanegi, le bapatiki ba tlosa katlholo le tshiamiso mo kgaolong nngwe ya lefatshe, o se ka wa gakgamalela selo seo; gonne mongwe yo o godimo ga yo o godimo o etse tlhoko; mme go na le ba ba godimo ga bone.
9
Gape loato lwa mmu ke lwa botlhe; le e leng kgosi ka yosi e direlwa ke masimo.
10
Yo o ratang selefera ga a ketla a kgora selefera; le yo o ratang letlotlo ga a ketla a kgora loato; se le sone ke boithamako.
11
Fa dilo di ata, ba ba di jang le bone ba ntsifale; mme ke molemo wang mo go mong wa tsone, fa e se go di bona ka matlho fela?
12
Boroko jwa motho yo o dirang bo monate, le fa a ja bonnye kgotsa bogolo, mme go kgora ga mohumi ga go mo leseletse go robala.
13
Go na le bosula jo bo botlhoko jo ke bo bonyeng tlase ga letsatsi, ke go re dikhumo tse di bolokwang ke mong wa tsone di mo utlwise botlhoko.
14
Dikhumo tseo di nyelele ka go welwa ke bosula bongwe; mme fa motho yoo a tshotse ngwana wa mosimane, ga go na sepe mo seatleng sa gagwe.
15
Jaaka a dule mo sebopelong sa ga mmaagwe, o tlaa ba a tloga jaaka a tsile, a sa ikatega, mme a se ketla a tsaya sepe ka ga letsapa la gagwe, se o ka tsamayang ka sone a se tshotse mo seatleng.
16
Mo le gone ke bosula jo bo botlhoko, go re, mo dilong tsotlhe jaaka a tsile, o tlaa tsamaya fela jalo; mme ka a direla phefo o a ba a na le molemo wang?
17
Le gone o tle a jele mo lefifing ka metlha yotlhe ya gagwe, mme a tshwenyege thata, a nne le botlhoko le kgakalo.
18
Bonang, mo ke go bonyeng fa go le molemo go bile go le gontle, ke go re motho a je a nwe, a je monate wa letsapa la gagwe lotlhe, le o ineileng letsapa mo go lone tlase ga letsatsi, ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gagwe jo Modimo o bo mo neileng; gonne ke yone kabelo ya gagwe.
19
Le motho mongwe le mongwe yo Modimo o mo neileng dikhumo le thuo, wa ba wa mo naya thata ya go di ja, le go itseela kabelo ya gagwe, le go itumela mo letsapeng la gagwe; moo, ke neo ya Modimo.
20
Gonne ga a ketla a gakologelwa bobe ka metlha ya botshelo jwa gagwe; gonne Modimo o mo fetola mo boitumelong jwa pelo ya gagwe.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12