bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ecclesiastes 7
Ecclesiastes 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 8 →
1
Leina le le molemo le gaisa setlolo se se tlhokegang; le letsatsi la loso, le gaisa letsatsi le motho o tsetsweng ka lone.
2
Go molemo go tsena mo ntlong ya khutsafalelo bogolo go go tsena mo ntlong ya ditlhapelo; gonne moo ke gone bokhutlo jwa batho botlhe; mme motshedi o tlaa go baya mo pelong.
3
Bohutsana bo molemo bogolo go ditshego; gonne pelo e itumedisiwa ke sefatlhogo se se tlhontseng.
4
Dipelo tsa ba ba botlhale di mo ntlong ya khutsafalelo; mme pelo tsa dieleele di mo ntlong ya ditlhapelo.
5
Go molemo mo mothong go utlwa kgalemo ya ba botlhale, bogolo go go utlwa pina ya dieleele.
6
Gonne jaaka thathanyego ya mitlwa fa tlase ga pitsa, ditshego tsa seeleele di ntse jalo; se le sone ke boithamako.
7
Gonne boikgagapelelo bo fetola motho yo o botlhale seeleele; le go okwa ka madi go senya tlhaloganyo.
8
Bokhutlo jwa selo bo molemo bogolo go tshimologo ya sone; mme yo o pelotelele mo moweng o molemo bogolo go yo o boikgodiso mo moweng.
9
O se ka wa potlaka mo moweng wa gago go nna bogale; gonne bogale bo nna mo sehubeng sa dieleele.
10
O se ka wa re: “Ke ka ntlha yang metlha ya pele e ne e gaisa eno?” Gonne ga o botse ka botlhale ka ga selo se.
11
Botlhale bo molemo fela jaaka boswa; ee, bo molemo bogolo mo go bone ba ba bonang letsatsi.
12
Gonne botlhale ke phemelo, fela jaaka madi e le phemelo; molemo o o gaisang wa kitso, ke go re botlhale bo boloka botshelo jwa yo o nang najo.
13
Akanya tiro ya Modimo; gonne e mang yo o ka siamisang sone se o se sokamisitseng?
14
O nne boitumelo mo motlheng wa tlhogonolofalo, mme mo motlheng wa pitlagano o akanye; Modimo o bapisitse motlha o mongwe le o mongwe, gore motho a tle a se ka a lemoga sepe se se tlaa nnang morago ga gagwe.
15
Dilo tse tsotlhe ke di bonye mo metlheng ya boithamako jwa me; go na le motho yo o siameng yo o swelang mo tshiamong ya gagwe, mme go na le motho yo o boikepo yo o gololang botshelo jwa gagwe mo go direng bosula ga gagwe.
16
O se ka wa nna tshiamo ya mo go feteletseng; le gone o se ka wa itira botlhale jwa mo go feteletseng; ana o ka bo o itshenyetsang?
17
O se ka wa nna boikepo jwa mo go feteletseng, le gone o se nne boeleele; ana o ka bo o swelang e ise e nne motlha wa gago.
18
Go molemo gore o tshware selo se; ee, le gone o se ka wa ikgogona mo go sele; gonne ene yo o boifang Modimo o tlaa tswa mo go tsone tsotlhe.
19
Mo mothong yo o botlhale, botlhale ke thata e e gaisang balaodi ba le some ba ba mo motseng.
20
Gonne ga go na mosiami ope mo lefatsheng yo o dirang molemo a sa leofe.
21
Gape o se ka wa tlhokomela mafoko otlhe a a buiwang; o ka tla wa utlwa motlhanka wa gago a go roga;
22
gonne le yone pelo ya gago e a itse fa le wena ka wesi o rogile batho ba bangwe gantsi.
23
Gotlhe mo ke go lekile ka botlhale; ke rile: “Ke tlaa nna botlhale;” mme ga nna kgakala le nna.
24
Sone se se kwa kgakala, le se se boteng jo bo feteletseng; e mang yo o ka se lemogang?
25
Ka retologa, mme pelo ya me ya tlhongwa gore e tle e itse, e kheleise, e batle botlhale, le go itse ka fa dilo di ntseng jaaka di ntse ka gone; le go itse fa boikepo e le boeleele, le gore boeleele ke botsenwa.
26
Ke fitlhela sengwe se se galakang bogolo go loso, e bong mosadi yo pelo ya gagwe e leng diru le ditloa, yo diatla tsa gagwe di ntseng jaaka dikgole; mongwe le mongwe yo o kgatlhang Modimo o tlaa falola mo go ene; mme moleofi o tlaa tshwarwa ke ene.
27
Bonang ke bonye se, go bua Moreri; ke ntse ke bapisa sengwe le se sengwe, go tla ke lemoga ka fa go ntseng ka gone,
28
se mowa wa me o sa ntseng o se batla, se ke iseng ke se bone; yo e leng monna tota a le mongwe fela mo go ba ba makgolo a some ke mmonye; mme mo go bao botlhe, yo e leng mosadi ene tota, ga e se ke mmone.
29
Bonang, ke bonye se, se le sosi, go re Modimo o dirile motho a thokgame; mme ba senkile maano a le mantsi.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12