bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Judges 10
Judges 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 11 →
1
Morago ga Abimeleke ga ema Tola morwa Pua, morwa Doto, monna wa Isakare, go boloka Iseraele; mme a aga mo Shamire mo lefatsheng la makgabana la Eferaime.
2
A atlhola Iseraele ka dinyaga di le 23, a swa, a fitlhwa mo Shamire.
3
Morago ga gagwe ga ema Jaire wa Mogileate; a atlhola Iseraele ka dinyaga di le 22.
4
O ne a na le bana ba basimane ba le 30 ba ba palamang dieselana di le 30, ba na le metse e e 30, e e bidiwang Hafothe-jaire le gompieno, e e mo lefatsheng la Gileate.
5
Mme Jaire a swa, a fitlhwa mo Kamone.
6
Bana ba Iseraele ba dira se se bosula gape mo matlhong a ga Jehofa, ba direla boBaale, le boAšetarothe, le medimo ya Siria, le medimo ya Sitone, le medimo ya Moabe, le medimo ya bana ba Amone, le medimo ya Bafilisitia; ba latlha Jehofa, ba se ka ba mo direla.
7
Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele, mme a ba rekisetsa mo seatleng sa Bafilisitia, le mo seatleng sa bana ba Amone.
8
Ba tshwenya ba patika bana ba Iseraele ka ngwaga oo; ba patika bana ba Iseraele botlhe ba ba kwa moseja ga Joretane mo lefatsheng la Baamore le le leng mo Gileate, ka dinyaga di le 18.
9
Bana ba Amone ba kgabaganya Joretane ba ya go tlhabana le Juta, le Benjamine, le ntlo ya ga Eferaime; mme Iseraele a pitlagana thata.
10
Bana ba Iseraele ba goela kwa go Jehofa ba re: “Re go leofetse, fela ka ntlha ya gonne re latlhile Modimo wa rona, re diretse boBaale.”
11
Jehofa a raya bana ba Iseraele a re: “A ga ke a lo golola mo go Baegepeto, mo go Baamore, mo baneng ba Amone, le mo go Bafilisitia?
12
Le bone Basitone, le Baamaleke, le Baamone ba ne ba lo patika; lwa goela kwa go nna, mme ka lo golola mo seatleng sa bone.
13
Le fa go ntse jalo lo ntatlhile, lo diretse medimo e sele; ke gone ga nketla ke tlhola ke lo golola.
14
Yang lo goele medimo e lo e itshenketseng; a e lo golole mo motlheng wa pitlagano ya lona.”
15
Bana ba Iseraele ba raya Jehofa ba re: “Re leofile; re direle ka fa o bonang go le molemo ka gone; fela, re a go rapela, re golole kajeno.”
16
Mme ba tlosa medimo e e leng e sele ya seeng mo go bone, ba direla Jehofa; mme mowa wa gagwe wa tlhokofala ka ntlha ya matladika a Iseraele o ne a le mo go one.
17
Foo bana ba Amone ba phuthega, ba thibelela mo Gileate. Bana ba Iseraele ba iphutha ba thibelela mo Misepa.
18
Batho, e bong dikgosana tsa Gileate, ba raana ba re: “E mang monna yo o tlaa simololang go tlhabana le bana ba Amone? E tlaa nna ene tlhogo ya banni botlhe ba Gileate.”
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21