bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Judges 12
Judges 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 13 →
1
Banna ba Eferaime ba ne ba phuthegile, mme ba kgabaganyetsa ntlheng ya botsheka; ba raya Jefetha ba re: “O ne o kgabaganyetsang o ya go tlhabana le bana ba Amone, mme wa se ka wa re bitsa ra tsamaya nao? Re tlaa fisetsa ntlo ya gago ka molelo mo godimo ga gago.”
2
Jefetha a ba raya a re: “Nna le batho ba me re ne re le kgang e tona le bana ba Amone; e rile ke lo bitsa lo se ka lwa nkgolola mo seatleng sa bone.
3
Ke rile ke bona lo sa nkgolole, ka baya botshelo jwa me seatleng sa me, ka kgabaganya ka ya go tlhabana le bana ba Amone; ke rile ke lo bitsa ga lo a ka lwa nkgolola mo seatleng sa bone; ke gone, lo tlelang mo go nna gompieno, go tla go tlhabana le nna?”
4
Foo Jefetha a phutha banna botlhe ba Gileate, mme ba tlhabana le Baeferaime; banna ba Gileate ba kgemetha Baeferaime, ka ba re: “Lona Bagileate, lo bafaladi fela ba Eferaime, mo gare ga Eferaime, le mo gare ga Manase.”
5
Bagileate ba gapela Baeferaime matsibogo a Joretane. E ne e tle e re fa mongwe wa bafaladi ba Eferaime a bua a re: “Mmang ke kgabaganye,” foo banna ba Gileate ba mo reye ba re: “A o Moeferaime?”
6
Mme fa a re: “Nnyaa;” foo ba mo reye ba re: “A o ko o re: Shibolethe;” a re: “Sibolethe,” ka a retelelwa ke go le bua sentle; foo ba mo tshware ba mmolaele fa matsibogong a Joretane; ya re ka lobaka loo ga wa Baeferaime ba le 42 000.
7
Jefetha a atlhola Iseraele ka dinyaga di le thataro; foo Jefetha wa Mogileate a swa, mme a fitlhwa mo go mongwe wa metse ya Gileate.
8
Morago ga gagwe Ibesane wa Bethelehema a atlhola Iseraele.
9
O ne a na le bana ba basimane ba le 30, le bana ba basetsana ba le 30, a ba isa ba ya go nyalelwa kwa ditšhabeng; a tseisa bomorwawe bana ba basetsana ba le 30 kwa ditšhabeng. A atlhola Iseraele ka dinyaga di supa.
10
Ibesane a swa, a fitlhwa mo Bethelehema.
11
Morago ga gagwe Elone wa Mosebulone a atlhola Iseraele; a atlhola Iseraele ka dinyaga di le some.
12
Elone wa Mosebulone a swa, a fitlhwa mo Aijalone mo lefatsheng la Sebulone.
13
Morago ga gagwe Abetone morwa Hilele wa Mopirathone a atlhola Iseraele.
14
O ne a na le bana ba basimane ba le 40 le ditlogolo di le 30 tsa basimane, ba ba neng ba palama dieselana di le 70; mme a atlhola Iseraele ka dinyaga tse di 8.
15
Abetone morwa Hilele wa Mopirathone a swa, a fitlhwa mo Pirathone mo lefatsheng la Eferaime, mo lefatsheng la makgabana la Baamaleke.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21