bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Judges 3
Judges 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 4 →
1
Jaana merafe e Jehofa o ne a e tlogela, go leka Baiseraele ka yone ke e, e bong botlhe ba ba se kang ba itse dintwa tsotlhe tsa Kanana;
2
ya bo e le go re, dikokomana tsa bana ba Iseraele, di tle di itse, gore go tle go ba rute ntwa, segolo bone ba ba sa itseng sepe ka ga yone gale;
3
ke go re, barena ba batlhano ba Bafilisitia, le Bakanana botlhe, le Basitone, le Bahife ba ba agileng mo thabeng ya Lebanone, go tswa Baale-heremone go ya botsenong jwa Hamathe.
4
Go ne go twe go tlaa lekwa Iseraele ka bone, gore go lemogwe boo ba tla reetsa ditaolo tsa ga Jehofa tse o di laoletseng borraabo ka Moše.
5
Bana ba Iseraele ba aga mo gare ga Bakanana, le Bahite, le Baamore, le Baperise, le Bahife, le Bajebuse.
6
Ba tsaya bomorwadia bone go nna basadi ba bone, ba tseisa bomorwa bone bomorwadia bone, ba direla medimo ya bone.
7
Bana ba Iseraele ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, ba lebala Jehofa Modimo wa bone, ba direla boBaale le Medimako.
8
Ke gone ka moo bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele, mme a ba rekisetsa mo go Kušane-rišathaime kgosi ya Mesopotamia. Bana ba Iseraele ba direla Kušane-rišathaime ka dinyaga tse di 8.
9
E rile bana ba Iseraele ba goele kwa go Jehofa, Jehofa a tsosetsa bana ba Iseraele mogolodi, yo o ne a ba golola, e bong Otheniele morwa Kenase, monnaa Kalebe.
10
Mowa wa ga Jehofa wa tla mo go ene, mme a atlhola Iseraele; a bolola ntwa, mme Jehofa a tsenya Kušane-risathaime kgosi ya Mesopotamia mo seatleng sa gagwe; mme seatla sa gagwe sa fenya Kušane-rišathaime.
11
Mme lefatshe la bona boikhutso ka dinyaga di le 40. Otheniele morwa Kenase a swa.
12
Bana ba Iseraele ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa gape; mme Egelone kgosi ya Moabe, Jehofa a mo thatafaletsa Baiseraele, ka ba ne ba dirile se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.
13
A iphuthela kwa go ene bana ba ga Amone, le ba ga Amaleke; mme a ya a kgemetha Iseraele, mme ba rua motse wa makolane.
14
Bana ba Iseraele ba direla Egelone kgosi ya Moabe ka dinyaga di le 18.
15
Mme e rile bana ba Iseraele ba goela kwa go Jehofa, Jehofa a ba tsosetsa mogolodi, ebong Ehute morwa Gera, wa Mobenjamine, monna yo o ntsogotlho; bana ba Iseraele ba isa ka ene mpho kwa go Egelone kgosi ya Moabe.
16
Ehute a itirela thipa e e magale mabedi, e e boleele jwa letsogo; a e ikgatlhelela ka fa seropeng sa ka fa tsogong le legolo, ka fa tlase ga diaparo tsa gagwe.
17
A ya go naya Egelone kgosi ya Moabe mpho; jaana Egelone ya bo e le motho yo o nonneng bobe.
18
E rile a sena go wetsa go mo naya mpho, a tsamaisa batho ba ba neng ba rwele mpho.
19
Mme ene a boa kwa metlobong ya maje e e fa Gilegale, a re: “Kgosi, ke na le lefoko le ke le go sebelang.” Kgosi ya re: “Didimalang.” Botlhe ba ba emeng fa go yone ba tswa.
20
Ehute a tla mo go ene; mme a bo a dutse a le esi mo ntlonyaneng ya boiphokiso. Ehute a re: “Ke na le taetso go wena kgosi, e tswa Modimong.” Mme a nanoga mo setulong sa gagwe.
21
Ehute a ntsha letsogo la molema, a tsaya thipa e e ka fa seropeng sa ka fa letsogong le legolo, a e sogotlhetsa mo mpeng ya gagwe.
22
Le yone theko ya tsena le thipa; mme mahura a betologela thipa, gonne ga a ka a somola thipa mo mpeng ya gagwe; ya phunyeletsa ka kwa morago.
23
Foo Ehute a tswela kwa mokatakong, a mo tswalela mo teng ga ntlwana, a kopela ditswalo.
24
Jaana e rile a sena go tswa batlhanka ba gagwe ba tla; ba leba, mme bona, ba fitlhela ditswalo tsa ntlwana di kopetswe, ba ithaya ba re: “Kooteng o ipipile dinao mo ntlwaneng ya gagwe ya boiphokiso.”
25
Ba diega ba ba ba tla ba tlhajwa ke ditlhong; ba fitlhela a sa bule ditswalo tsa ntlwana; ke gone ka moo ba tsaya sekopololo ba bula; ba fitlhela morena wa bone a wetse fa fatshe a sule.
26
E ne ya re ka ba diegile Ehute a falola, a fapaanya metlobo ya maje, a falolela kwa Seire.
27
Ga dirala e rile a sena go fitlha, a letsa lonaka mo lefatsheng la makgabana la Eferaime, mme bana ba Iseraele ba fologa nae mo lefatsheng la makgabana, ene a ba eteletse pele.
28
A ba raya a re: “Ntshalang morago, gonne Jehofa o tsentse baba ba lona, e bong Bamoabe, mo seatleng sa lona.” Ba fologa ba mo setse morago, ba kgabaganya, ba gapela Bamoabe matsibogo a Joretane, mme ba se ka ba leseletsa motho ope go kgabaganya noka.
29
Ba kgemetha Bamoabe ka lobaka loo, e ka ne e le batho ba le 10 000, monna mongwe le mongwe yo o dinama di dikgoka, le monna mongwe le mongwe yo o pelokgale; ga go a ka ga falola monna ope.
30
Jalo Moabe a fenyediwa ka tsatsi leo mo seatleng sa Iseraele, mme lefatshe la bona boikhutso ka dinyaga di le 40.
31
Morago ga gagwe ga nna Shamegare morwa Anathe, yo o ne a bolaya banna ba Bafilisitia ba le 600 ka lore lo lo kgweetsang dikgomo; le ene a boloka Iseraele.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21