bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Judges 17
Judges 17
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 18 →
1
Go ne go le monna mongwe wa lefatshe la makgabana la Eferaime, leina la gagwe e le Mika.
2
A raya mmaagwe a re: “Diselefera tse di 1 100 tse o di thukhuthilweng, tse o buileng phutso ka ga tsone, wa ba wa e buela mo ditsebeng tsa me, bona, selefera seo se mo go nna; ke nna ke se tsereng.” Mmaagwe a re: “A morwaake a segofadiwe ke Jehofa.”
3
Diselefera tse di 1 100 a di rebolela mmaagwe, mme mmaagwe a re: “Ruri selefera se, ke se kgethela Jehofa, se tswa mo seatleng sa me, ka ga morwaake, go dira setshwantsho se se setilweng, le setshwantsho se se thetsweng; ke gone jaana ke tlaa se busetsa mo go wena.”
4
Ya re a busetsa madi kwa go mmaagwe, mmaagwe a tsaya diselefera di le 200, a di neela mothudi, mme ene a dira ka tsone setshwantsho se se setilweng, le setshwantsho se se thetsweng; mme sa nna mo ntlong ya ga Mika.
5
Monna yoo Mika o ne a na le ntlo ya medimo, mme a dira sekhutlana, le mereo. A tshwaya mongwe wa bomorwawe, ene a nna moperesiti wa gagwe.
6
Mo metlheng eo go ne go se na kgosi mo Iseraele; motho mongwe le mongwe a dira se se siameng mo matlhong a gagwe fela.
7
Go ne go le lekau lengwe le le tswang Bethelehema wa Juta, la losika lwa Juta, yo e ne e le Molefi, a bo a jakile gone.
8
Monna yoo a huduga mo motseng, mo Bethelehema wa Juta, a ya go jaka kwa o ka bonang bonno gone; mme a re a eta a tla mo lefatsheng la makgabana la Eferaime, kwa ntlong ya ga Mika.
9
Mme Mika a mo raya a re: “O tswa kae?” A mo raya a re: “Ke Molefi wa Bethelehema wa Juta, ke ya go jaka kwa ke ka bonang bonno teng.”
10
Mika a mo raya a re: “Aga le nna, o bo o nne rre le moperesiti mo go nna, ke tlaa go naya diselefera di le some ka ngwaga le ngwaga, le diaparo le dijo tsa gago.” Jalo Molefi a tsena.
11
Molefi a itumela go aga le monna yoo; lekau leo la nna mo go ene jaaka mongwe wa bomorwawe.
12
Mika a tshwaya motho wa Molefi, mme lekau leo la nna moperesiti wa gagwe a ba a nna mo ntlong ya ga Mika.
13
Foo Mika a re: “Jaanong ke a itse fa Jehofa a tlaa ntirela molemo, ka ke na le Molefi go nna moperesiti wa me.”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21