bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Judges 15
Judges 15
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 16 →
1
Ga dirala ya re motlha mongwe, go le ka lobaka lwa thobo ya mabele, Samesone a ya go bona mosadi wa gagwe ka potsane; a ithaya a re: “Ke tlaa tsena kwa go mosadi wa me mo ntlwaneng.” Mme rraagwe mosadi a gana go mo letla go tsena.
2
Rraagwe mosadi a re: “Ka bo ke rile o mo ileditse ruri; ke gone ke mo neileng monkana wa gago; a monnawe ga a montle bogolo go ene? Ke a go rapela, tsaya ene mo boemong jwa gagwe.”
3
Samesone a ba raya a re: “Monomotlha ke tlaa bo ke se na molato ka ga Bafilisitia, fa ke ba direla bosula bongwe.”
4
Samesone a ya a tshwara diphokoje di le 300, a tsaya ditime a di gokaganya megatla, a tsenya ditime mo gare ga megatla, ka bobedi le bobedi jwa yone.
5
E rile a sena go tshuba ditime a lesa diphokoje tsa ya mo mabeleng a a emeng a Bafilisitia, a fisa mabele a a tlhomilweng dingata le one a a emeng, le one masimo a mafine le matlhware.
6
Foo Bafilisitia ba re: “E mang yo o dirileng seo se?” Ba re: “Samesone, mogwaagwe Motimena yoo, ka a mo tloseditse mosadi wa gagwe, a mo neile monkana wa gagwe.” Bafilisitia ba ya ba fisa mosadi le rraagwe ka molelo.
7
Samesone a ba raya a re: “Fa lo dira ka mokgwa o o ntseng jaana, ruri ke tlaa lo ipusolosetsa, mme morago ga moo ke tlaa khutla.”
8
A ba šašaanya ka polao e kgolo; a fologa a aga mo lofarong lwa lefika la Etame.
9
Foo Bafilisitia ba ya ba thibelela mo Juta, ba ikanamisetsa mo Lehi.
10
Banna ba Juta ba re: “Ana lo re tlhaselelang?” Ba re: “Re tsile go golega Samesone, le go mo direla jaaka a re diretse.”
11
Foo banna ba Juta ba le 3 000 ba ya kwa lofarong lwa lefika la Etame, ba raya Samesone ba re: “A ga o itse fa Bafilisitia e le bone balaodi ba rona? Selo se o se re diretseng ke eng?” A ba raya a re: “Jaaka ba ntiretse, ke ba diretse jalo.”
12
Ba mo raya ba re: “Re tsile go go golega, gore re go tsenye mo seatleng sa Bafilisitia.” Samesone a ba raya a re: “Inkaneleng fa lo se ketla lo nkwela ka losi.”
13
Ba bua nae ba re: “Nnyaa; re tlaa go golega thata, re go tsenya mo seatleng sa bone; ruri rona ga re ketla re go bolaya.” Ba mo golega ka megala e meša e le mebedi, ba mo ntsha mo lefikeng.
14
E rile a tla mo Lehi, Bafilisitia ba re ba kgatlhana nae ba thela lošalaba; mme mowa wa ga Jehofa wa tla mo go ene ka thata, megala e e mo mabogong a gagwe ya nna jaaka lodi lo lo fisitsweng ke molelo, le dithapo tsa gagwe tsa wa mo mabogong a gagwe.
15
A bona lotlhaa lo loša lwa esela, a otlolola letsogo a lo tsaya, a bolaya banna ba le 1 000 ka lone.
16
Samesone a re: “Ka lotlhaa lwa esela, go mekoakoa fela; ke bolaile banna ba le sekete ka lotlhaa lwa esela.”
17
Ga dirala ya re a sena go swetsa go bua, a latlha lotlhaa; mme felo foo ga bidiwa Ramathalehi.
18
A bolawa ke lenyora thata, a biletsa kwa go Jehofa a re: “O dirile kgololo e kgolo ka seatla sa motlhanka wa gago; jaana ke tlaa swa ka lenyora, ke tlaa wela mo seatleng sa ba ba sa rupang.”
19
Modimo wa fatola khuti e e mo Lehi, mme ga tswa metsi gone. E rile a sena go nwa, mowa wa gagwe wa bowa, a rulwa. Ke gone ka moo leina la gone la bidiwa ga twe, Enehakore, o mo Lehi nako e sa le eno.
20
A atlhola Iseraele mo metlheng ya Bafilisitia ka dinyaga di le 20.
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21