bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Samuel 11
1 Samuel 11
Tswana Setswana 1970
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 12 →
1
Morago ga moo ga bolola Nahase wa Moamone, a dikanyetsa motse wa Jabese kwa Gileate ka ntwa; ke fa banna botlhe ba Jabese ba raya Nahase ba re: “Dira kgolagano le rona, mme re tla go direla.”
2
Mme Nahase wa Moamone a ba fetola a re: “Kgolagano e nke e dirang le lona ke ya go re: Lona lotlhe ke lo gonye matlho a le le jang, ke direle Baiseraele botlhe tshotlego jalo.”
3
Bagolo ba Jabese ba mo araba ba re: “Re fe sebaka sa malatsi a supa gore re rome barongwi kwa nageng yotlhe ya Iseraele. Jaanong e tla re fa go se na ope yo o re thusang, re go ineele.”
4
Barongwi bao ba fitlha kwa Gibea wa ga Saule, ba bolela mafoko ao mo ditsebeng tsa batho. Ke fa batho botlhe ba tlhatlosa mantswe ba lela.
5
E ne e le gona Saule a gorogang, a tswa kwa tshimong a setse dikgomo morago. Saule a botsa a re: “Batho ba lelelang?” Ba mmolelela mafoko a banna ba Jabese.
6
Ya re Saule a utlwa mafoko ao, Mowa wa Modimo wa mo tsena, mme a tuka bogale.
7
A tsaya dikgomo di le pedi, a di tlhaba, a di kgabetlela, a romela dinama kwa nageng yotlhe ya Iseraele ka barongwi a re: “Yo o sa bololeng a sala Saule le Samuele morago, dikgomo tsa gagwe di tla dirwa jalo.” Ke fa poifo ya Morena e wela batho, mme ba bolola jaaka monna a le mongwe.
8
Jaanong a ba bala kwa Beseke: Baiseraele ba le 300 000, banna ba Juta ba le 30 000.
9
A laela barongwi bale ba ba tlileng a re: “Bolelelang banna ba Jabese kwa Gileate jaana lo re: ‘E tla re kamoso fa letsatsi le le bolelo, lo bone thuso.’ ” Ya re barongwi ba fitlha, ba bolelela banna ba Jabese jalo, mme ba itumela.
10
Jaanong banna ba Jabese ba raya Baamone ba re: “Kamoso re tla ineela mo go lona gore lo re direle tsotlhe ka fa lo bonang ka teng.”
11
Ya re kamoso mo mosong Saule a kgaoganya banna ditlhopha di le tharo; ba tsena mo bothibelelong jwa Baamone ka tiso ya masa, ba bolaya Baamone go ya bolelong jwa motshegare. Masalela a bone a phatlalala, go se ba le babedi ba ba setseng mmogo.
12
Ke fa banna ba raya Samuele ba re: “Ke bomang ba ba boditseng ba re: ‘A Saule o tla re busa?’ Ntshang banna bao gore re ba bolae!”
13
Mme Saule a re: “A go se ka ga bolawa ope ka letsatsi le, gonne Morena o dirafaditse pholoso mo Iseraeleng kajeno.”
14
Samuele ene a raya banna a re: “Tlaang a re yeng kwa Gilegala, re tlhomamise bogosi teng sešwa.”
15
Ke fa banna botlhe ba ya kwa Gilegala, ba dira Saule kgosi sešwa fa pele ga Morena teng kwa Gilegala; ba tlhaba ditlhabelo tsa tebogo teng fa pele ga Morena. Saule le banna botlhe ba Iseraele ba itumela thata gona.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31