bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Samuel 24
1 Samuel 24
Tswana Setswana 1970
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 25 →
1
Dafita a tloga teng, a tlhatloga a nna kwa dikgageng tsa Engedi.
2
Jaanong ya re Saule a boa a tswa go leleka Bafelesita, a bolelelwa ga twe: “Bona, Dafita o kwa sekakeng sa Engedi.”
3
Ke fa Saule a tsaya banna ba le 3 000 ba ba tlhaotsweng mo Baiseraeleng botlhe, a ya go batla Dafita le banna ba gagwe kwa ntlheng ya botlhabatsatsi ya Mafika a Diphudufudu.
4
Ya re a fitlha kwa marakeng a dinku a a fa thoko ga tsela fa go leng logaga, Saule a tsena teng go ithoma, Dafita le banna ba gagwe ba ntse ba le kwa tengteng ga logaga.
5
Ke fa banna ba ga Dafita ba mo raya ba re: “Bona, ke lone letsatsi le Morena o le go boleletseng a re: ‘Itse gore ke tla neela mmaba wa gago mo diatleng tsa gago gore o mo direle ka fa o ratang ka teng.’ ” Dafita a nanoga, a kgaola moja wa kobo ya ga Saule, a sa mmone.
6
Mme morago ga moo Dafita a itewa ke letswalo, ka a kgaotse moja wa kobo ya ga Saule.
7
A ba a raya banna ba gagwe a re: “A Morena a nthibele gore ke se ka ka direla morena wa me, motlodiwa wa Morena, selo se, ka mo ntshetsa letsogo; gonne ke ene motlodiwa wa Morena.”
8
Dafita a kgalemela banna ba gagwe ka mafoko a a bogale, a se ka a ba dumelela go tsogela Saule. Saule a ba a nanoga, a tswa mo logageng a wela tseleng.
9
Morago ga moo Dafita le ene a nanoga, a tswa mo logageng, a tlhaeletsa Saule a re: “Morena wa me, kgosi!” Ya re Saule a gadima, Dafita a inamela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba.
10
Dafita a ba a raya Saule a re: “O dumelelelang mafoko a batho, fa ba re: ‘Bona, Dafita o rata go go direla bosula’?
11
Kana matlho a gago a bona jaanong ka fa Morena a go neetseng ka teng mo diatleng tsa me kajeno mo logageng, mme go tilwe, ke go bolae, mme ka go rekegela ka re: ‘Ga nkitla ke ntshetsa morena wa me letsogo, gonne ke ene motlodiwa wa Morena.’
12
Rra, leba, o be o bone moja wa kobo ya gago o o mo seatleng sa me, jaaka ke o kgaotse, mme ka se ka ka go bolaya; o ka lemoga, wa bona fa go se na bosula gongwe bolotsana mo pelong ya me. Ga ke a go leofela, mme wena o ntsoma go nkamoga bophelo.
13
Morena o tla atlhola fa gare ga me le wena; Morena o tla mpusolosetsa mo go wena. Mme seatla sa me ga se kitla se lwa nao.
14
Jaaka seane sa bogologolo se re: ‘Boikepo bo tswa mo baikeping!’ Mme seatla sa me ga se kitla se go ama.
15
Kgosi ya Iseraele e bolotse go latelela mang? Wena o tsoma mang? O latelela ntšwa e e suleng, o tsoma letsetse le le lengwe fela.
16
Morena o tla nna moatlhodi, a atlhola fa gare ga rona, a a ele tlhoko, a lwele kgang ya me, a nkatlholele, a nkgolole mo seatleng sa gago!”
17
Ya re Dafita a sena go bua mafoko ao le Saule, Saule a re: “A ke lone lentswe la gago, morwaaka Dafita?” A ba a tlhatlosa lentswe, a lela,
18
a raya Dafita a re: “Wena o siame bogolo go nna; gonne o ntiretse tse di molemo, mme nna ke go diretse tse di bosula.
19
Kajeno o mpontshitse tse di molemo tse o di ntiretseng, etswe Morena a nneetse mo diatleng tsa gago, mme wa se ka wa mpolaya.
20
A fa motho a tshwara mmaba wa gagwe, o ka mo naya tsela ka kagiso? A Morena a go duele ka tse di molemo ka ntlha ya tse o di ntiretseng.
21
Mme jaanong, ke a itse gore o tla nna kgosi tota; e bile bogosi jwa lseraele bo tla tlhomama mo seatleng sa gago.
22
Jaanong he, inkanele ka Morena gore ga o kitla o nyeletsa losika lwa me sehularong sa me le e seng go phimola leina la me mo lapeng la ga rre.”
23
Dafita a ikanela Saule jalo. Saule a ba a boela kwa lapeng la gagwe. Dafita le banna ba gagwe ba tlhatlogela kwa logageng lwa thaba.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31