bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Samuel 16
1 Samuel 16
Tswana Setswana 1970
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 17 →
1
Morago ga moo Morena a raya Samuele a re: “O tla hutsafalela Saule go fitlha leng? Kana ke mo latlhile gore a se ka a tlhola a nna kgosi ya Iseraele. Tlatsa lonaka lwa gago lookwane, o tsamae; ke go roma kwa go Isai wa Betleheme; gonne ke iponetse kgosi mo go bomorwawe.”
2
Samuele a botsa a re: “Nka ya jang? Fa Saule a ka utlwela, o tla mpolaya.” Morena a re: “Gapa kgomo ya moroba, o ye nayo teng, o fete o re: ‘Ke tlile go tlhabela Morena setlhabelo.’
3
O be o laletse Isai tlhabelong. Ke tla go itsise se o tshwanetseng go se dira gore o ntloletse yo ke tla mo go kaelang.”
4
Samuele a dira se Morena a se buileng, mme ya re a goroga kwa Betleheme bagolo ba motse ba mo kgatlhantsha ba tshogile ba re: “A o tla ka kagiso?”
5
A re: “Ka kagiso! Ke tlile go tlhabela Morena setlhabelo. Iitshepiseng, lo tle le nna moletlong wa tlhabelo.” Jaanong a itshepisa Isai le bomorwawe, a ba laleletsa moletlo wa tlhabelo.
6
Ya re ba tsena a bona Eliabe, a ithaya a re: “Ahee, ke ene motlodiwi wa Morena!”
7
Mme Morena a raya Samuele a re: “Se lebe ponalo ya gagwe le seemo se seleele sa gagwe, gonne ke mo ganne; kana Modimo ga o lebe jaaka motho a leba. Gonne motho o bona fela tse di lebaganyeng le matlho, mme Morena o bona pelo.”
8
Ke fa Isai a bitsa Abinatabe a mo fetisa fa pele ga Samuele, mme Samuele a re: “Le ene yo ga se yo Morena o mo tlhophileng.”
9
Jaanong Isai a fetisa Sama, mme Samuele a re: “Le ene yo ga e ise e nne wa Morena.”
10
Ya ba gona Isai a fetisang bomorwawe ba ba supa fa pele ga Samuele, mme Samuele a raya Isai a re: “Ga go ope mo go bone ba yo Morena o mo tlhophileng.”
11
Mme Samuele a botsa Isai a re: “A basimane ba ke bone botlhe?” A araba a re: “Go setse yo mmotlana; o disa dinku.” Samuele a raya Isai a re: “E re a ye go bidiwa; gonne ga re ka ke ra nnela go ja a ise a tle.”
12
A roma motho, mme a mo tlisa. O ne a le mohibidu, a na le matlho a mantle, a le sebopego se sentle. Ke fa Morena a re: “Nanoga o mo tlotse, gonne ke ene yoo.”
13
Samuele a tsaya lonaka lwa lookwane, a mo tlotsa mo gare ga bomogolowe. Mowa wa Morena wa tsena mo go Dafita go tloga ka letsatsi leo go ya pele. Jaanong Samuele a nanoga, a boela kwa Rama.
14
Mme Saule o ne a tlogetswe ke Mowa wa Morena, a ntse a tshwenngwa ke mowa o o bosula o o romilweng ke Morena.
15
Jaanong batlhanka ba ga Saule ba mo raya ba re: “A ko o bone, mowa o o bosula wa Modimo o go tshwenya.
16
A morena wa rona a bue lefoko fela, mme batlhanka ba gago ba ba go direlang, ba tla batla monna yo o itseng go letsa harepa gore e re fa mowa o o bosula wa Modimo o go tsena, a e letse ka seatla, mme ò nne botoka.”
17
Ke fa Saule a laela batlhanka ba gagwe a re: “A lo ko lo mpatlele monna yo o itseng go letsa sentle, lo mo tlise go nna.”
18
Ga araba mongwe wa makau a re: “Ke itse mongwe, ke morwa Isai wa kwa Betleheme. O itse go letsa; le gona ke senatla se se tiileng le mogale tlhabanong, e bile o itse go bua; ke monna yo montle, mme Morena o na nae.”
19
Ke fa Saule a roma barongwi kwa go Isai a re: “Nthomele morwao Dafita yo o disang dinku.”
20
Jaanong Isai a tsaya esele, a e belesa dinkgwe le lekuka la weine, le potsane, a di romela Saule ka Dafita morwawe.
21
Dafita a ya kwa go Saule, a mo direla, mme Saule a mo rata thata, mme a nna morwadi wa dibolai tsa gagwe.
22
Ka moo Saule a roma kwa go Isai a re: “Ka thapelo, a Dafita a nne a ntirele; gonne ke a mo rata.”
23
Mme e ne ya re fa mowa o o bosula wa Modimo o tsena mo go Saule Dafita a tsee harepa, a e letse ka seatla, mme Saule a lapologe, a nne kaone, mme mowa o o bosula o mo tlogele.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31