bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Samuel 8
1 Samuel 8
Tswana Setswana 1970
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 9 →
1
E rile Samuele a sena go tsofala, a dira bomorwawe basiamisi ba Iseraele.
2
Leina la morwawe yo mogolo e ne e le Joele; leina la wa bobedi wa gagwe e le Abia. Ba ne ba atlhola kwa Bereseba.
3
Fela bomorwawe ga ba a ka ba sepela mo ditseleng tsa gagwe. Ba bapala ka bopelotshetlha, ba amogela dithelesetso, ba sokamisa tshiamo.
4
Ke fa bagolo botlhe ba Iseraele ba kgobokana ba tla kwa go Samuele kwa Rama,
5
ba mo raya ba re: “Bona, wena o tsofetse, mme bomorwao ga ba sepele mo ditseleng tsa gago. Jaanong he, re beele kgosi gore e re buse, re tshwane le ditšhaba tsotlhe.”
6
Mme lefoko leo le ne le le bosula mo matlhong a ga Samuele, fa ba re: “Re neele kgosi gore e re buse.” Ka moo Samuele a rapela Morena.
7
Mme Morena a raya Samuele a re: “Utlwa lentswe la morafe mo go tsotlhe tse ba di buileng nao; gonne ga ba latlhe wena, mme ba latlha nna gore ke se ka ka nna kgosi ya bone.
8
Le wena ba go direla jaaka ba dirile ka gale go tloga letsatsing le ke ba ntshitseng kwa Egepeto ka lone go fitlha letsatsing la kajeno, ba ntlogela, ba direla medimo e sele.
9
Mme jaanong utlwa mantswe a bone. Fela tse ba tshwanetseng go di direla kgosi e e tla ba busang o di ba tlhalosetse, o di ba itsise.”
10
Mafoko otlhe a Morena Samuele a a bolelela morafe o o lopileng kgosi mo go ene,
11
a re: “Tse di siametseng kgosi e e tla lo busang ke tse: E tla tsaya bomorwaa-lona, e ba dira batlhanka ba dikoloi tsa yona le ba dipitse tsa yona le go taboga fa pele ga koloi ya yona.
12
Le gona e tla ba tsaya go ba ipeela balaodi ba sekete le balaodi ba lekgolo le balaodi ba 50; le gore ba leme masimo a yona, ba robe thobo ya yona, ba dire dibolai tsa yona tsa ntwa le dilo tsa dikoloi tsa ntwa tsa yona.
13
E tla tsaya bomorwadia-lona gore e nne batlhakanyi ba ditswaiso le baapei le babesi.
14
Fa e le masimo a lona le masimo a meweine a lona le ditlhare tsa olefa tsa lona e tla tsaya tse di molemo tsa teng, e di naya batlhanka ba yona.
15
E tla tsaya palo ya bosome ya mabele a lona le ya masimo a meweine a lona, e e naya badiredi ba yona ba lelapa le batlhanka ba yona.
16
E tla tsaya batlhanka ba lona le malata a lona le dikgomo tse dintle tsa lona le diesele tsa lona, e dira tiro ya yona ka tsotlhe tseo.
17
E tla tsaya palo ya bosome ya matsomane a lona; le lona lo tla nna batlhanka ba yona.
18
Ka sebaka seo lo tla lela ka ntlha ya kgosi e lo e itlhophetseng, mme foo Morena ga a kitla a lo utlwa.”
19
Fela morafe wa gana go utlwa lentswe la ga Samuele wa re: “Nnyaya! A kgosi e re buse
20
gore le rona re tshwane le ditšhaba tsotlhe, mme kgosi ya rona e re atlhole, e re etelele pele le mo dintweng.”
21
Ya re Samuele a sena go utlwa mafoko otlhe a morafe, a a bolela mo ditsebeng tsa Morena.
22
Mme Morena a raya Samuele a re: “Utlwa mantswe a bone, o ba beele kgosi.” Ke fa Samuele a raya banna ba Iseraele a re: “Tsamayang, a mongwe le mongwe a ye gae.”
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31