bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Samuel 21
1 Samuel 21
Tswana Setswana 1970
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 22 →
1
Dafita a fitlha kwa Nobe kwa go moperesiti Ahimelege. Ahimelege a kgatlhantsha Dafita a tshogile a mmotsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o tla o le wesi fela o se na le ope?”
2
Dafita a araba moperesiti Ahimelege a re: “Kgosi e ntaetse tiro nngwe, ya nthaya ya re: ‘A go se nne ope yo o itseng sepe sa tiro e ke e go romileng le e seng se ke se go laetseng.’ Kana le batlhanka ke ba romile kwa felong ga bolebelebe.
3
Jaanong he, go na le eng fa lapeng? Mphe dinkgwe di le tlhano gongwe se se leng teng.”
4
Moperesiti a araba Dafita a re: “Ga ke na senkgwe sa metlha yotlhe, mme senkgwe se se leng teng ke se se boitshepo fela; lo ka se fiwa fela fa batlhanka ba ikileditse basadi.”
5
Dafita a araba moperesiti a mo raya a re: “Ruri, e setse e le sebaka re ntse re ileditswe basadi. E rile ke bolola mebele ya batlhanka ya bo e le boitshepo le fa e le leeto fela le le sa itshepisiwang. Bogolo jang ba tla bo ba itshekile kajeno mo mebeleng.”
6
Ke fa moperesiti a mo naya dinkgwe tse di boitshepo; gonne go ne go se na dinkgwe tse dingwe fa e se dinkgwe tsa tshupo tse di neng di tle di tlosiwe fa pele ga Morena gore go bewe tse dintšhwa teng ka letsatsi le go tlosiwang tse kgologolo ka lone.
7
Mme ka letsatsi leo go ne go le mongwe wa batlhanka ba ga Saule, a golegilwe fa pele ga Morena; leina la gagwe e ne e le Doege wa Moetomo, mookamedi wa badisa ba ga Saule.
8
Jaanong Dafita a botsa Ahimelege a re: “A ga go na lerumo gongwe tšhaka fano? Gonne ga ke a tshola tšhaka ya me le fa e le dibolai; kana tiro ya kgosi e re tlositse ka potlako.”
9
Moperesiti a re: “Tšhaka ya ga Goliathe wa Mofelesita yo ò mmolaetseng kwa molapong wa ditlhare tsa metherebinthe e teng, e phuthilwe ka lesela ka fa morago ga khiba ya moperesiti; fa o rata go e tsaya e tsee; gonne ga go na e nngwe kwa ntle ga yona.” Dafita a re: “Ga go na epe e e tshwanang nayo, e nnee!”
10
Jaanong Dafita a nanoga a tshaba ka letsatsi leo ka ntlha ya ga Saule, a ya kwa go Agiše kgosi ya Gathe.
11
Mme batlhanka ba ga Agiše ba mo raya ba re: “Yoo a ga se Dafita motlhanka wa kgosi ya lefatshe lele? A ga se ene yo ba neng ba mo opela dipina ba re: ‘Saule o bolaile dikete, mme Dafita ene o bolaile kete tse some’?”
12
Mme mafoko ao a ne a tshosa Dafita, a boifa thata, a tshaba Agiše, kgosi ya Gathe.
13
Ka moo a iphetola tlhaloganyo mo matlhong a bone, a itira setsenwa a le mo diatleng tsa bone, a ngapa mo ditswalong tsa kgoro, a lesa mathe a gagwe a elela mo ditedung.
14
Ke fa Agiše a raya batlhanka ba gagwe a re: “Kana lo bona monna yo gore o tsenwa! Ke kantlha ya eng, fa lo mo tlisa kwano?
15
A ke tlhoka ditsenwa fa lo mo tlisa gore a tle go ntshwenya ka botsenwa jwa gagwe? A yoo o ka tsena mo ntlong ya me?”
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 22 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31