bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Samuel 7
1 Samuel 7
Tswana Setswana 1970
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 8 →
1
Banna ba Khiriathe-Jearime ba tla, ba tsaya Letlole la Morena, ba le isa kwa ntlong ya ga Abinatabe e e kwa thoteng; ba itshepisa Eleasare morwawe gore a dise Letlole la Morena.
2
Go tloga letsatsing leo Letlole le ileng go nna kwa Khiriathe-Jearime ka lone ga feta sebaka se seleele sa dinyaga di le 20, mme Baiseraele botlhe ba lela, ba lela Moreneng.
3
Mme Samuele a raya Baiseraele botlhe a re: “Fa lo rata go boela kwa Moreneng ka pelo yotlhe, tlosang medimo e sele e e mo gare ga lona le boAšethorethe, lo ineele Morena ka dipelo tsa lona, lo mo direle a le esi; foo o tla lo pholosa mo diatleng tsa Bafelesita.”
4
Ke fa Baiseraele ba tlosa boBaale le boAšethorethe, ba direla Morena a le esi.
5
Samuele a ba a re: “Phuthelang Baiseraele botlhe kwa Mitsepha gore ke lo rapelele Morena.”
6
Ke fa ba phuthegela kwa Mitsepha, ba ga metsi, ba a tshololela fa pele ga Morena, ba itima dijo ka letsatsi leo, ba ipobola teng ba re: “Re leofetse Morena.” Mme Samuele a siamisa Baiseraele kwa Mitsepha.
7
Jaanong e rile Bafelesita ba utlwa gore Baiseraele ba phuthegetse kwa Mitsepha, dikgosana tsa Bafelesita tsa bololela Baiseraele; ya re Baiseraele ba utlwa jalo, ba boifa Bafelesita.
8
Mme Baiseraele ba raya Samuele ba re: “Se khutle go re rapelela Morena, Modimo wa rona, gore a re pholose mo diatleng tsa Bafelesita.”
9
Ke fa Samuele a tsaya kwanyana e e anyang e le nngwe, a e tlhabela Morena go nna setlhabelo se se fisiwang gotlhe; le gona Samuele a rapela Morena, a rapelela Baiseraele, mme Morena a mo utlwa.
10
Jaanong ya re Samuele a sa ntse a fisa setlhabelo, Bafelesita ba atamela go tlhabana le Baiseraele. Mme Morena a dumisa maru ka tumo e kgolo godimo ga Bafelesita ka letsatsi leo, a ba raraanya, mme ba fenngwa ke Baiseraele.
11
Mme banna ba Iseraele ba bolola kwa Mitsepha, ba khutšhela Bafelesita, ba ba bolaya go ya go fitlha kwa tlase ga Bethe-Kara.
12
Ke fa Samuele a tsaya lefika, a le tlhoma fa gare ga Mitsepha le Šene, a le taya leina la Ebenesere, a re: “Morena o re thusitse go fitlha kajeno.”
13
Bafelesita ba ne ba kokobediwa jalo, ba se ka ba tlhola ba tla gape mo nageng ya Iseraele. Mme seatla sa Morena sa nna sa imela Bafelesita ka malatsi aotlhe a ga Samuele.
14
Le metse e Bafelesita ba neng ba e amogile Baiseraele ya boela kwa Baiseraeleng go tloga kwa Ekerone go fitlha kwa Gathe. Le naga ya yona Baiseraele ba e gapa mo diatleng tsa Bafelesita. Le gona ga nna kagiso fa gare ga Baiseraele le Baamori.
15
Samuele a siamisa Baiseraele ka malatsi aotlhe a botshelo jwa gagwe.
16
O ne a tle a tsamaya ka ngwaga le ngwaga, a etele Bethele le Gilegala le Mitsepha, a atlhole Baiseraele mo mafelong aotlhe ao.
17
A be a boele kwa Rama; gonne ntlo ya gagwe e ne e le gona; a atlhole Baiseraele gona. Le gona a agela Morena aletare teng.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31