bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Hosea 1
Hosea 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 2 →
1
Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Hosea, morwa Beeri, mo sebakeng sa ga Usia le Jothame le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta, le mo sebakeng sa ga Jerobeame morwa Joase, kgosi ya Iseraele.
2
E rile Morena a simolola go bua ka Hosea, a mo raya a re: “Tsamaya o tsee mosadi wa seaka le bana ba seaka; gonne lefatshe le ntse le akafala thata ka go tlogela Morena.”
3
Ke fa a ya a tsaya Gomere, morwadia Dibelaime; Gomere a ithwala, a mo tsholela ngwana wa mosimane.
4
Jaanong Morena a mo raya a re: “Mo tee leina la Iserele, gonne go setse sebaka se sekhutshwane fela, ke tla be ke beletsa melato ya polao ya kwa Iserele mo losikeng lwa ga Jehu, ke fedisa bogosi jwa Baiseraele.
5
Mo motlheng oo ke tla roba bora jwa Iseraele mo lebaleng la Iserele.”
6
Mosadi a ithwala gape, a tshola ngwana wa mosetsana. Morena a mo raya a re: “Mmitse Gaautlwelwa-botlhoko; gonne ga nkitla ke tlhola ke utlwela Baiseraele botlhoko le e seng go ba itshwarela.
7
Bajuta bone ke tla ba utlwela botlhoko, ke ba golola ke le Morena, Modimo wa bone; ga nkitla ke ba pholosa ka bora gongwe ka tšhaka gongwe ka ntwa gongwe ka dipitse, le fa e le ka bapalami ba tsona.”
8
Ya re a sena go kgwisa Gaautlwelwa-botlhoko, a boa a nna moimana gape, a tshola ngwana wa mosimane.
9
Jaanong Morena a re: “Mmitse Gasebame; gonne ga lo batho ba me, le nna ga ke wa lona.”
10
Mme palo ya Baiseraele e tla tshwana le ya motlhaba wa lewatle o o sa ka keng wa lekanngwa ka sepe, le e seng go balwa. Mo boemong jwa go bidiwa “Galobame” ba tla bidiwa “bomorwa Modimo o o phelang.”
11
Bajuta le Baiseraele ba tla kopana, ba ipeela tlhogo e le nngwe, ba bolola lefatsheng; gonne letsatsi la Iserele le legolo.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14