bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Hosea 12
Hosea 12
Tswana Setswana 1970
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 13 →
1
“Eferaime o ntikanyeditse ka maaka le ba ntlo ya Iseraele ka tsietso. Juta le ene o sa ntse a kgarakgatshega ka boitaolo fa pele ga Modimo, ee, fa pele ga Moitshepi yo o ikanyegang.
2
Eferaime o ikanya phefo, o latela phefo e kgolo ya botlhabatsatsi. O tlhola a ntsifatsa maaka le kgatelelo. Ba dira kgolagano le Asiria, lookwane lo isiwa kwa Egepeto.”
3
Morena o na le kgang le Juta, o tla betsa Jakobe ka ntlha ya ditsela tsa gagwe, a mmusolosa ka fa ditirong tsa gagwe.
4
Jakobe o ne a tshwara mogolowe mo seretheng a sa le mo mmeleng wa ga mmaagwe, a kampana le Modimo ka thata ya gagwe ya bonna.
5
Ee, a kampana le moengele, a mo fenya a lela, a ba a mo rapela, a kopa boitshwarelo. O mo fitlhetse kwa Bethele, teng koo o buile le rona.
6
Mme Morena, Modimo wa masomosomo, leina la gagwe le le tumileng ke Morena.
7
Mme wena, boela Modimong wa gago, o dirise lorato le tshiamo, o solofele mo Modimong wa gago ka tlhomamo.
8
Jakobe o na le sekale se se tsietsang, o rata go patika jaaka Kanana.
9
Eferaime a re: “Ruri, ke humile, ke iponetse khumo; mo go tsotlhe tse ke di bapetseng ga go nke go fitlhelwa molato ope mo go tsona o e leng boleo.”
10
“Mme nna ke Morena, Modimo wa gago, go tloga kwa lefatsheng la Egepeto. Ke tla go nnisa gape mo ditenteng jaaka mo malatsing a moletlo.
11
“Ke buile le baporofeti, ka ntsifatsa dipono, ka bua ka ditshwantsho ka melomo ya baporofeti.
12
Fa ba Gileate e le baikepi, ruri, ba tla latlhega; fa ba dira dipoo ditlhabelo mo Gilegala, dialetare tsa bone le tsona di tla fetoga mekoa ya matlapa mo meseleng ya tshimo.”
13
Jakobe ene o kile a tshabela kwa nageng ya Siria, Iseraele a dira ka ntlha ya mosadi, a disa gore a bone mosadi.
14
Mme Morena o ntshitse Baiseraele kwa Egepeto ka moporofeti, mme ba disiwa ke moporofeti.
15
Eferaime o gakaditse Morena thata, mme Morena wa gagwe o tla digela melato ya polao ya gagwe mo go ene, a mmusolosetsa nyatso e o mo nyaditseng ka yona.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14