bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Hosea 6
Hosea 6
Tswana Setswana 1970
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 7 →
1
“ ‘Tlayang, a re boeleng kwa go Morena, gonne ke ene yo o garotseng, mme o tla re fodisa; ke ene yo o iteileng, mme o tla re fapa.
2
O tla re rudisa morago ga malatsi a mabedi, a re tsosa ka letsatsi la boraro gore re phele fa pele ga gagwe.
3
A re itseng Morena, re tlhoafalele go mo itse. O tla tswa ruri jaaka mahube, a tla kwa go rona jaaka pula, le jaaka pula ya dikgakologo e e kolobisang lefatshe.’
4
“Nka go direlang, Eferaime? Nka go direlang, Juta? ka lorato lwa lona lo tshwana le mouwane wa masa, lo tshwana le monyo o o tlhotlhoregang e sa le phakela.
5
Ka lebaka le ke ba remile ka baporofeti, ka ba bolaya ka dipolelo tsa molomo wa me. Dikatlholo tsa me di tla tswa jaaka lesedi.
6
Gonne se se nkgatlhang ke lorato, e seng setlhabelo, le go itse Modimo bogolo go ditlhabelo tsa phiso.
7
“Mme bona ba sentse kgolagano mo motseng wa Atame; teng ba ntiretse ka boikanyologo.
8
Gileate ke motse wa basenyi, o tletse metlhala ya madi.
9
Lekoko la baperesiti le bolaela batho mo tseleng e e yang kwa Šegeme jaaka senokwane se se laletseng. Ee, ba dirile tse di tlhabisang ditlhong.
10
Mo ntlong ya Iseraele ke bonye se se boitshegang: Boaka bo teng mo go Eferaime, Iseraele o itladitse maswe.
11
“Le wena, Juta, o baakanyeditswe thobo, mogang ke busetsang batshwarwi ba morafe wa me kwa gae.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14