bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Hosea 5
Hosea 5
Tswana Setswana 1970
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 6 →
1
“Utlwang fa, lona baperesiti! Elang tlhoko, lona Baiseraele! Sekegang ditsebe, lona ba kgosing! Gonne kotlo e lebanye lona, ka lona lo ne lo le digole tsa Mitsepha le matloa a a thaisitsweng mo Thabore,
2
le gopo e e boteng ya Sitime, mme nna ke tla ba otla botlhe.
3
Eferaime, nna ke a mo itse, le Iseraele ga a fitlhega fa pele ga me: Jaanong ò akafetse, Eferaime; Iseraele o itshekologile.”
4
Ditiro tsa bona ga di ba letlelele go boela Modimong wa bona; gonne mowa wa boaka o mo teng ga bona, mme Morena ga ba mo itse.
5
Boikgodiso jwa Iseraele bo supa ka ga gagwe mo ponatshegong. Iseraele le Eferaime ba tla digwa ke maleo a bona, Juta le ene a wa nabo.
6
Ba tla ya go batla Morena ka difutshane le dikgomo tsa bona, mme ga ba nke ba mmona. O ba tlogetse.
7
Ba diretse Morena ka boikanyologo, gonne ba tsetse bana ba dikgora. Jaanong ngwedi o o rogilweng o tla ba ja mmogo le masimo a bona.
8
Letsang lonaka kwa Gibea le phala kwa Rama, lo tlhabe mokgosi kwa Bethawene! Gadima kwa morago, Benyamene!
9
Eferaime o tla fetoga sekaka letsatsing la petso. Ke itsisitse ditso tsa Iseraele tse e leng tsa nnete.
10
“Balaodi ba Juta ba tshwana le ba ba sutisang molelwane. Ke tla tshololela bogale jwa me mo go bona jaaka metsi.
11
Eferaime o a gatelelwa, o senyegetswe ke molao; gonne o kgatlhilwe ke go latela boithamako.
12
Mme nna ke tshwana le motoutwana mo go Eferaime, ke tshwana le phetlhi mo ntlong ya Juta.
13
“E rile Eferaime a bona bolwetse jwa gagwe, le Juta a bona tlhagala ya gagwe, Eferaime a ya kwa Asiria, a roma kwa go kgosi Jarebe; mme ene ga a kgone go lo fodisa. Tlhagala ga e na go tloga mo go lona.
14
Gonne nna ke tshwana le tau mo go Eferaime, ke tshwana le ledumedi mo go ba ntlo ya Juta; ke nna ke garolakang, ke be ke tloga; ke nna ke gapang go se yo o gololang.
15
“Ke tla tsamaya ke boela felong ga me, go fitlhelela ba ipone molato, ba batle sefatlhego sa me. Mo tlalelong ya bona ba tla mpatla ka tlhoafalo ba re:
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14