bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Hosea 13
Hosea 13
Tswana Setswana 1970
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 14 →
1
E ne ya re fela fa Eferaime a bua, go nne letshogo; e ne e le yo mogolo mo Iseraeleng, mme a leofa ka Baale, a ba a swa.
2
Mme jaanong ba tswelela pele go leofa, ba itirela setshwantsho se se bopilweng sa modimo ka selefera ya bona, le medimo ya diseto ka fa tlhaloganyong ya bone. Tiro yotlhe e ke ya bathudi fela. Ba tloga ba bua le yona, ee, bone ba ba dirang batho ditlhabelo ba atla medimo ya dinamane.
3
Ka ntlha ya moo ba tla nna jaaka mouwane wa masa, le jaaka monyo o o tlhotlhoregang e sa le phakela, le jaaka moko o o gogolwang ke phefo mo seboaneng, le jaaka musi o o tswang mo leisong.
4
“Mme nna ke Morena, Modimo wa gago, go tloga kwa lefatsheng la Egepeto. Ga o itse modimo o sele kwa ntle ga me! Ga go na mopholosi fa e se nna ke le nosi.
5
Ke nna ke neng ke go itse mo sekakeng, mo lefatsheng le le omeletseng.
6
E rile ba ntse ba fula, ba kgora; ya re ba sena go kgora, dipelo tsa bone tsa ikgodisa; ka moo ba ntebala.
7
Ka moo ke ba fetogela tau, ke ba lalela tseleng jaaka nkwe.
8
Ke tla ba tlhasela jaaka bere e e thukhuthilweng bana, ke garola mafatlha a bone, ke ba ja teng jaaka tau e namagadi; dibata tsa naga di tla ba garola.
9
“O a itatlha, Iseraele, fa o nkganetsa ke le thuso ya gago.
10
Kgosi ya gago e kae jaanong? A e go thuse mo metseng yotlhe ya gago! Baatlhodi ba gago ba kae, ba o buileng ka ga bone wa re: ‘Mphe kgosi le dikgosana’?
11
Ee, ke go naya kgosi ka bogale jwa me; ke tla ba ke e tlosa ka kgalefo ya me.
12
“Tshiamololo ya Baeferaime e bofilwe, boleo jwa bone bo bolokilwe.
13
Matlhoko a botsalo a tla ba wela, mme bona ke bana ba ba sa tlhalefang: E a re fa nako ya botsalo e fitlhile, ba se ke ba rate go tsalwa.
14
Mme ke tla ba golola mo felong ga baswi, ke ba rekolola mo losong. Loso, matlhoko a gago a kae? Felo ga baswi, tshenyo ya gago e kae? Mme ga nkitla ke ikwatlhaela tseo.
15
Le fa Eferaime a ungwa maungo mo gare ga bomorwa-rraagwe, go tla tla phefo e e tswang kwa botlhabatsatsi, e leng phefo ya Morena e e tsogang mo sekakeng. Foo motswedi wa gagwe o tla tšha, sediba sa gagwe se kgala. Mmaba o tla thopa khumo ya dilo tse di eletsegang tsa mefutafuta.
16
Samaria o tla otlwa, gonne o tsogetse Modimo wa gagwe thata; ba tla wa ka tšhaka, bana ba bone ba tšhwetlakanngwa, basadi ba baimana ba bone ba tla segakwa dimpa.”
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14