bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Hosea 11
Hosea 11
Tswana Setswana 1970
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 12 →
1
“E rile Iseraele e sa le ngwana, ka bo ke mo rata, ka mmitsa go tswa kwa Egepeto e le morwaake.
2
E re fa ke ba bitsa, ba ntlogele, ba ye go tlhabela boBaale ditlhabelo, ba tshubele ditshwantsho tsa medimo maswalo.
3
Kana ke nna ke tsamaisitseng Baeferaime tshipidi, ka ba tshola ka mabogo, mme ga ba a ka ba lemoga, fa e le nna ke ba fodisitseng.
4
Ke ba gogile ka dikgole tsa botho le ka megala ya lorato, ka nna mo go bona jaaka ba ba pagololang joko mo melaleng ya bona; ka inamela kwa go bone, ka ba jesa.
5
“Ga ba kitla ba boela kwa Egepeto. Nnyaya, Asiria e tla nna kgosi ya bone, gonne ba ganne go tlhabologa.
6
Tšhaka e tla kgadikana mo metseng ya bone, e bolaya dikgosana tsa bona, e di fetsa ka ntlha ya maano a bone.
7
Morafe wa me o ganelela go ikepa mo go nna. Le fa ba bilediwa kwa godimo, ga go na ope yo o itsosang.
8
“Nka go latlha jang, Eferaime? Nka go tlogela jang, Iseraele? Nka go dira jang jaaka Atema? Nka go senya jang jaaka Seboime? Ke tlhomoga pelo, ke go utlwela botlhoko thata.
9
Ga nka ke ka dirafatsa bogale jo bo tukang jwa me, ga nka ke ka senya Eferaime gape. Gonne ke Modimo, ga ke motho, ke Moitshepi mo go wena. Ga nke ke tla ke galefile.
10
“Ba tla sala Morena morago yo o dumang jaaka tau; e tla re fa a duma, bana ba tswe kwa bophirimatsatsi ka thoromo.
11
Ba tla itlhaganela ba tswa kwa Egepeto ka thoromo jaaka nonyane, ba tswa kwa lefatsheng la Asiria jaaka leeba, mme ke tla ba agisa mo matlong a bone,” go bua Morena.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14