bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Jeremiah 18
Jeremiah 18
Tswana Setswana 1970
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 19 →
1
Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng la re:
2
“Nanoga ò fologele kwa ntlong ya mmopi wa dipitsa! Ke tla go utlwisa mafoko a me gona.”
3
Ka fologela kwa ntlong ya mmopi wa dipitsa, ka fitlhela a direla tiro mo leotwaneng le le dikologang.
4
Ka bona nkgo e a e bopang e senyega, jaaka letsopa le a tle le senyegele mo diatleng tsa mmopi; a ba a bopa nkgo e sele gape ka lone jaaka mmopi a fitlhela go mo siametse go e bopa.
5
Ke fa lefoko la Morena le tla kwa go nna le re:
6
“A ga ke a nonofa go dira ka lona Baiseraele jaaka mmopi yo?” go botsa Morena. “Bonang, lona Baiseraele lo mo diatleng tsa me jaaka letsopa le le mo diatleng tsa mmopi.
7
Ka ponyo ya leitlho nka bôpa go kumola setšhaba le bogosi le go di rutla le go di nyeletsa.
8
Mme fa setšhaba seo se ke se bopetseng tatlhego, se boa mo bosuleng jwa sona, foo le nna ke tla thibela tatlhego e ke neng ke ikaeletse go se isa mo go yona.
9
Ka ponyo ya leitlho nka solofetsa setšhaba le bogosi go di aga le go di tlhoma.
10
Mme fa se dira tse di bosula mo matlhong a me, se sa utlwe lentswe la me, ke tla ithibela mo go tse di molemo tse ke ne ke rile, ke tla di se direla.
11
Mme jaanong a ko o ree banna ba Juta le baagi ba Jerusalema o re: ‘Morena o bua jaana a re: Bonang, ke lo etleeletsa tatlhego, ke lo logela maano a go lo otla. Boang tlhe, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe, lo siamise ditsela tsa lona le ditiro tsa lona!’
12
Mme ba re: ‘Ga re ka ke! Nnyaya! Re tla latela megopolo ya rona. Mongwe le mongwe o tla dira ka fa logwading lwa pelo e e bosula ya gagwe.’ ”
13
Ke ka moo Morena a buileng jaana a re: “A ko lo botse mo ditšhabeng lo re: ‘Ke mang yo o setseng a utlwile dilo tse di ntseng jaana?’ Lekgarebe la Iseraele le dirile dilo tse di boitshegang thata.
14
A semathana se sesweu se ka gakologa mo lentsweng la thaba ya Heremone? Gongwe a metsi a a maruru a a ntseng a ela a mafatshe a mangwe a ka tšha?
15
Le fa go ntse jalo, batho ba me ba ntebetse, ba fisetsa medimo ya boithamako maswalo e e ba kgopisang mo ditseleng tsa bone, mo ditselaneng tsa kgale gore ba tsamae mo mebileng le mo ditseleng tse di sa baakanngwang
16
gore ba fetole lefatshe la bone theregiso le tshotlego e e sa khutleng. Mongwe le mongwe yo o le ralalang o tla rerega thata, a thukhutha tlhogo.
17
Ke tla ba falatsa fa pele ga mmaba jaaka phefo ya botlhabatsatsi, ke ba lebisa motlhana, e seng sefatlhego, ka letsatsi la tatlhego ya bone.”
18
Ke fa ba re: “Tlayang, a re logeleng Jeremia maano! Gonne thuto ya moperesiti ga e nke e tlhokafala, le e seng kgakololo ya yo o botlhale, le e seng lefoko la moporofeti. Tlayang, a re mo iteeng ka loleme, mme re se ka ra tlhokomela lefoko lepe la gagwe!”
19
Morena, nkele tlhoko, ò utlwe puo ya ba ba lwang le nna!
20
A tse di molemo di na le go lefelwa ka tse di bosula? Gonne ba epetse bophelo jwa me gopo. Gopola gore ke eme fa pele ga gago gore ke bue tse di molemo ka ga bone, gore ke fapose bogale jwa gago mo go bone.
21
Ka moo, bolaisa bomorwaa-bone tlala, o ba neele mo polaong ya tšhaka! A basadi ba bone ba thukhuthwe bana, ba nne batlhologadi! A banna ba bone ba bolawe ke leroborobo, mme makau a bone a rengwe ka tšhaka mo tlhabanong!
22
A go goa go utlwale mo matlong a bone! Ee, a lekoko la babolai le ba tlhasele ka tshoganyetso! Gonne ba epile gopo go ntshwara, ba thaisa maoto a me ka diru.
23
Mme Morena, wena ò itse maikaelelo otlhe a bone a go mpolaya. Se ba itshwarele molato wa bone! Se phimole boleo jwa bone fa pele ga gago! A ba namalale fa pele ga gago ba digilwe! O ba direle jalo ka sebaka sa bogale jwa gago.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52