bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Jeremiah 34
Jeremiah 34
Tswana Setswana 1970
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 35 →
1
E rile Nebukatenesare, kgosi ya Babele, a tlhabana le Jerusalema le metse yotlhe ya teng, a na le batlhabani botlhe ba gagwe le magosi otlhe a lefatshe le le mo taolong ya gagwe le merafe yotlhe, lefoko la tla kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng la re:
2
“Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Yaa o bue le Setekia, kgosi ya Juta, o mo ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: Bona, ke tla neela motse o mo diatleng tsa kgosi ya Babele, mme e tla o fisa ka molelo.
3
Le wena ga o kitla o falola mo diatleng tsa yona; ruri, o tla tshwarwa, o neelwa mo diatleng tsa yona. O tla lebaganya matlho le kgosi ya Babele, molomo wa yona o tla bua le molomo wa gago, mme o tla ya kwa Babele.’
4
Fela utlwa Lefoko la Morena, wena Setekia, kgosi ya Juta! Morena o bua jaana ka ga gago a re: ‘Ga o nke o swa ka tšhaka!
5
O tla swa ka kagiso. Ba tla go fisetsa matlhare a a nkgang monate jaaka go fiseditswe borraago, dikgosi tsa pele, tse di neng di le teng pele ga gago. Le gona ba tla go hutsafalela ba re: Ijoo! Morena! Gonne ke nna ke buileng lefoko le,’ ” go bua Morena.
6
Moporofeti Jeremia o ne a bua mafoko aotlhe a le Setekia, kgosi ya Juta, mo Jerusalema,
7
batlhabani ba kgosi ya Babele ba ntse ba tlhasela Jerusalema le metse yotlhe ya Juta e e iseng e thopiwe, e bong Lagiše le Aseka. Gonne yona e setse e le yosi mo metseng ya Juta, ka e le metse e e femetsweng.
8
Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng, kgosi Setekia e sena go dira kgolagano le morafe otlhe o o mo Jerusalema gore go tlhajwe mokgosi o o reng: “Gololang balala!”
9
E le gore mongwe le mongwe a golole molala wa gagwe yo e leng Mohebere, le letata la gagwe le e leng Mohebere gore go se nne ope yo o dirang morwa-rraagwe yo e leng Mojuta molala.
10
Ke fa go utlwa dikgosana tsotlhe le morafe otlhe, ba ba neng ba dumelanye le maipofo a a reng: “Mongwe le mongwe a golole molala wa gagwe le lelata la gagwe, mme a se ka a tlhola a ba tshola jaaka balala.” Ba utlwa, ba ba golola.
11
Mme morago ga moo ba fetoga pelo, ba busa balala le malata, ba ba neng ba ba golotse; ba ba gapeletsa gape go nna balala le malata.
12
Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng le re:
13
“Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Ke dirile kgolagano le borraeno ka nosi ka letsatsi le ke ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka ka lone ka re:
14
‘Morago ga dinyaga tse supa a mongwe le mongwe a golole morwa-rraagwe yo e leng Mohebere yo o ithekisitseng mo go wena. A e nne molala wa gago dinyaga di le thataro, ke gona o tshwanetseng go mo golola.’ Mme borraeno ga ba a ka ba utlwa le e seng go sekega ditsebe.
15
Mme lona lo ne lo tlhabologile kajeno, lwa dira tse di siameng mo matlhong a me ka go kua kgololo ya balala; lwa dira kgolagano fa pele ga me mo Ntlong e e bidiwang ka leina la me.
16
Mme lo tlhanogile, lwa itshepolola leina la me; mongwe le mongwe wa lona a golega molala wa gagwe le lelata la gagwe gape, ba lo neng lo ba golotse ka fa keletsong ya bone, lwa ba gapeletsa go nna balala ba lona le malata a lona.”
17
Ke gona ka moo Morena a buang jaana a re: “Lona ga lo a ka lwa nkutlwa gore lo kue kgololo ya balala, gore mongwe le mongwe a kuele morwa-rraagwe le mongwe-ka-ene kgololo. Bonang, ke nna ke lo kuelang kgololo jaanong,” go bua Morena, “e bong ya go neelwa tšhaka le leroborobo le tlala, mme ke tla lo dira theregiso ya magosi otlhe a lefatshe.
18
Mme ke tla neela banna ba ba tlodileng kgolagano ya me, ba ba sa dirafatsang mafoko a kgolagano e ba e dirileng fa pele ga me, fa ba fatola namane, ba ralala fa gare ga mefama ya yona,
19
e leng dikgosana tsa Juta le dikgosana tsa Jerusalema le badiredi ba kgosi le baperesiti le morafe otlhe wa lefatshe, ba ba neng ba ralala fa gare ga mefama ya namane;
20
ke tla ba neela mo diatleng tsa baba ba bone, mo diatleng tsa ba ba ratang go ba bolaya; mme ditoto tsa bone e tla nna dijo tsa dinonyane tsa loapi le tsa dibata tsa lefatshe.
21
Le Setekia, kgosi ya Juta le dikgosana tsa gagwe ke tla ba neela mo diatleng tsa baba ba bone, mo diatleng tsa ba ba ratang go ba bolaya, mo diatleng tsa batlhabani ba kgosi ya Babele ba ba bolotseng jaanong, ba lo tlogela.
22
Bonang, ke tla laola, go bua Morena, ke ba busetsa kwano motseng o; mme ba tla tlhabana le ona, ba o thopa, ba o fisa ka molelo. Mme metse ya Juta ke tla e ntsha sekaka se se se nang moagi.”
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 35 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52